Breaking News

Monna o bolailwe ka pelaelo ya gore o na le mogare wa corona

13 Apr 2020

Monna wa dingwaga tse 26 o thusa mapodisi a Mahalapye mo ditlhotlhomisong ka go belaesega a beditse a ba a baka leso la rre wa Zimbabwe ka pelaelo ya gore o na le mogare wa corona.

Mo potsolosong le BOPA kwa Mahalapye bosheng, Mookamela Mapodisi a Mahalapye Superintendent Omphile Malemenyane a re mmelaelwa o setse a itshupile fa pele ga lekgotla la ga Mmakaseterata la Mahalapye go arabela molato wa polao, mme o tlaa itshupa gape morago ga lobaka lo lo tsweletseng lwa kiletso metsamao le ditirelo dingwe ka maikaelelo a go laola le go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.

Sup Malemenyane a re mmelaelwa go belaelwa a ne a keteka moswi ka gore o ne gotlhola thata, ka jalo a re o tlaa mo tsenya mogare wa corona.

Supt Malemenyane a re ba amogetse boikuelo Mopitlo a le masome mabedi le botlhano go tswa mo moaging mongwe wa kgotlana ya Dilaene kwa Mahalapye, a supa fa bahirisi ba gagwe ba tlhokile kutlwisisano kgankgolo e le gore yo mongwe o ka tswa a na le mogare wa corona.

Supt Malemenyane a re moswi o ketekwa morago ga gore mmelaelwa a itsese mong wa lelwapa gore rre wa Zimbabwe yo o hirisitseng kamore e e tshwaraganyeng le ya gagwe o gotlhola thata, ka jalo o belaela gore o tlaa ba tsenya corona.

Rre Malemenyane a re le fa mong wa lelwapa a ne a tsiboga ka go ba rolela kgang eo, mmelaelwa yo e leng Motswana o ne a tsenelela moswi mo kamoreng ya gagwe a mo keteka ka ditena le go baka dikgobalo, segolo bogolo mo mokwatleng.

Mogolwane a re moswi o ne a lela ka ditlhabi mo mokwatleng, mme a ragosediwa kwa kokelong ya Mahalapye, mme ba bongaka ba mo golola morago ga go bona thuso.

Rre Malemenyane a re go lebega  e ne ya re morago ga go thusiwa ke ba bongaka, ditlhabi tsa seka tsa kokobela, a gatelelwa ke bolwetse, ka jalo a felela a robadiwa kgwedi ya Mopitlo e le masome mabedi le borobabongwe mme a tlhokafala Mopitlo a le 30, ka jalo mmelaelwa a tshwarwa le go lebisiwa molato wa polao.

O tladitse ka go re ditlhotlhomiso di tsweletse le gore ba emetse maduo a bongaka a tlhatlhobo ya setopo go tlhomamisa se se bakileng loso.

A re mmelalewa ke modiri mo lephateng la Water Affairs, fa moswi e ne e le morutabana kwa sekoleng se sebotlana se se ikemetseng kwa Mahalapye.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Gaotlhobogwe Orefile

Location : MAHALAPYE

Event : Interview

Date : 13 Apr 2020