Breaking News

Paseka ya monongwaga e bosula

13 Apr 2020

Motse wa Maun o tlwaelesegileng ka go phophoma ka matshwititshwiti a batho go tswa ntlheng tsotlhe tsa lefatshe ka malatsi a paseka.

Le fa go ntse jalo ngwaga eno ke kgang e sele.
Bangwe ba a bo ba tswa kwa ntle ga lefatshe leno ba tsile go akola bojanala kwa makgobokgobong a Okavango fa bangwe ba a bo ba tsile go itlhabisa phefo mo mafelong ka go farologana.

Ka malatsi ao, banni ba Maun ba ya dikerekeng, merakeng, manyalong, fa bangwe ba itirela mekete le ba masika mme bangwe ba ya kwa mafelong a itloso bodutu jaaka marekisetso a dinotagi.  

Ka malatsi a gape dihotele le matlo a maroko di a bo di rile thii! fa bagwebi ba ba botlana bone ba nona dipelo ka mathe ka jaana ba itse fa kwa bofelong jwa malatsi ao ba tlaa bo ba akotse dipoelo tse di nametsang.

Ditsela le tsone go nna semphete ke go fete, bogolo jang ka tsatsi la Matlhatso ka maoto otlhe a a bo a lebile kwa mabaleng a Shashe go ya go bogela mabelo a dipitse a a rotloediwang ke Mascom Wireless.

Mabelo ao a ngoka le beng ba dipitse go tswa kwa mafatsheng a a mabapi mme jaanong a fetogile mmamoratwa wa itloso bodutu mo banning ba Maun le go ralala lefatshe leno.

Gompieno paseka ke e e renang tidimalo fela ka jaana lefatshe le wetswe ke seru sa bolwetse jwa COVID-19 mme seo sa baka go emisiwa ga metsamao le kokoano ya batho e le tsela ya go laola kanamo ya mogare.

Banni ba ne ba supa fa botshelo jwa motho bo sa rekwe, ke ka moo ba boneng go le botlhokwa go diragatsa ditaelo tsa ba botsogo go fema kanamo ya mogare.

Kgosi Babinang Majatsie o tlhalositse fa ope a sa tshwanela go itlhokomolosa dikgakololo tsa puso ka jaana go bonetse fa bolwetse joo bo sa iketla.

O boletse fa a gakgamadiwa ke banni ba ba sa rekegeleng taelo ya puso ka bontsi bo lelela go fiwa diteseletso go ya merakeng. 

Monana yo o gwebang ka go rekisa dijo mo mekgwatheng, Rre Mathata Mododo a re ga se tlwaelo gore ka nako ya paseka a bo a itswaletse mo ntlong, a tlhalosa fa a ka bo a ile kwa mabelong a dipitse go rekisa.

A re bodutu bo mo aparetse, a tlatsa gape ka gore bolwetsi jwa COVID-19 bo ba bofile matsogo.

“Rona re bophokoje go tshela yo o dithetsenyana. Gompieno jaana re lela fela ga re dire sepe go itshetsa mme re amogetse seemo gore re nne mo malwapeng jaaka puso e laotse.” A tlatsa jalo.
Mopalamente wa pele wa Ngami, Rre Thato Kwerepe le ene o ne a supa fa seemo sa COVID-19 se tlama botlhe gore ba itlhokomele. 

Rre Kwerepe a re taolo ya puso ya go emisa metsamao e maleba ka jaana e tlaa thusa gape go nonotsha malwapa. END

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : Maun

Event : interview

Date : 13 Apr 2020