Kgosi wa Damuchejenaa o kgalema ba ba sailang
08 Apr 2020
Kgosi Motsholetsi Kebalepile wa Damuchejenaa kwa kgaolong ya Legare a re o tshwenngwa ke banni ba ba tsweletseng ka go roba molao oo beilweng mo ntweng kgatlhanong le segajaja sa COVID-19.
A re banni ba motse wa gagwe ba santse ba bonwa ba saila mo motseng go na le go nna kwa malwapeng jaaka ba gakolotswe.
Kgosi Kebalepile a re bangwe ba tsweletse ka go tla kwa kgotleng go kopa diteseletso tsa go tsamaya le ntswa bontsi mabaka a bone a sa nonofwa.
Gape a re bangwe ba batla diteseletso go ya mabentleleng ko toropong ya Selebi Phikwe ntswa go na le mabentlele le dimausu mo motseng wa gagwe.
A re ba ba yang kokelong ba fiwa teseletso go lebilwe mekwalo ya ba bongaka mme ga ba tsenngwe dingalo go fiwa diteseletso .
Mo go tse dingwe, a re o tshwentswe ke batho ba ba tsweletseng ka go titiela majalwa a Setswana le ntswa thekiso ya majalwa e santse e emisitswe.
A re bangwe ba bonwa mo nageng ba iphitlhile ba nwa majalwa a go nna jalo, a tlatsa ka gore o kopile ofisi ya molaodi go thusa ka mapodisi le masole go lwantsha seemo se.
Kgosi Kebalepile a re fa go ka tswelela fela jalo batho ba le bantsi ba ya go tsenwa ke mogare o bogolo jang ka banwi ba bojalwa joo ba fapaanela mabotlolo a ba nwang ka one.
Mogokgo wa sekolo se se botlana sa Sedibe kwa Damuchejenaa, Mme Basimolodi Gabana, a re o thusana le kgosi go fa batho diteseletso tsa go tsamaya mo nakong e.
A re ba ba yang sepatela ba neelwa diteseletso go sena bothata bope mme ba ba yang ko dibankeng ko Selebi Phikwe o letlelela fela ba ba tlhano mo letsatsing go itsa motsamao o montsi.
Mme Gabana o rotloeditse banni ba motse oo go reka dijo tse di lekanetseng go itsa go tsamaya kgapetsa kgapetsa mo go ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : DAMUCHUJENAA
Event : Potsolotso
Date : 08 Apr 2020