Ba Sankoyo ba obamela ditaelo
08 Apr 2020
Banni ba motse wa Sankoyo mo kgaolong ya bokone bophirima ba kgothaditswe go tswelelela ka mowa o montle wa go obamela taelo ya puso ya go nna mo malwapeng e le tsela nngwe ya go thibela kanamo ya mogare wa COVID-19.
Kgosi Gokgathang Moalosi wa Sankoyo o akgotse banni mo potsolotsong, a bolelafa fa a le motlotlo ka tirisanyo le tshwaragano ya banni.
E re metse mengwe e hupeditswe ke mosuke wa batho ba ba ikopelang diteseletso, o boletse fa mo Sankoyo go rena kagiso le thitibalo ka jaana morafe o tlhalogantse botlhokwa jwa go nna kwa malwapeng.
Kgosi Moalosi a re fa e sale seemo sa tshoganetso sa go nna kwa malwapeng se simolola, ga go na motsamao ope kwa ntle ga bao ba ba filweng diteseletso, a tlatsa ka gore batho ba sa fete lesome ke bone fela ba ba filweng diteseletso le ba ba yang ko kokelwaneng.
O tlhalositse fa batho ba motse ba ba filweng diteseletso e le mokgweetsi wa koloi ya motse ya Trust le ba ba thusang go koba ditlou mo masimong a banni ga mmogo le wa semausu.
A re ba dirile thulaganyo ya gore bao ba ba ka nnang le diemo tse di patikang jaaka go felelwa ke dijo ba itsise bogogi gore ba thusiwe ka go ba rekela kwa Maun.
Kgosi Moalosi a re ba leka ka bojotlhe go kganela motsamao o o sa tlhokafaleng ka jaana le bone ba tshwenyegile ka mogare wa corona o o tsweletseng ka go gapa matshelo a batho mo mafatsheng a mangwe.
O boletse fa a itumedisiwa thata ke go bona malwapa otlhe a beile dikupu tsa metsi a a nang le molora mo dikgorong go tlhapa matsogo jaaka ba botsogo ba rotloetsa.
Gape o tsweletse a re ba tla dira maiteko a go dirisa digoagoe go gakolola banni ka ditaelo tsa ba botsogo.
O boletse fa ipabalelo kgatlhanong le mogare wa corona e ka kgonega fela fa botlhe ba tshwaragane le puso go diragatsa se se tshwanetseng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Esther Mmolai
Location : MAUN
Event : Potsolotso
Date : 08 Apr 2020