Malwapa a sukaganeng a tla thusiwa
07 Apr 2020
Molaodi wa kgaolo potlana ya Ghanzi botlhaba,Rre Patrick Tlotleng a re maiteko a tsweletse go leka go fokotsa mosuke mo malwapeng.
Mo puisanong le BOPA ka Mosupologo (Moranang 06) , Rre Tlotleng o tlhalositse gore malwapa a a nang le batho ba bantsi, ebile bontsi jwa bone bo ka kgoreletsa go katologana, mo e leng gone mangmang mo go thibeleng kgotsa go fokotsa kanamo ya mogare wa Corona, a tla sekwasekwa go bona gore mosuke o ka fokodiwa jang .
O supile gore bontsi jwa batho ba malwapa a a nang le batho ba bantsi, ba felela ba nna mo ntlong ele nngwe ka ntata ya letlhoko la bonno.
Molaodi a re mo nakong eno ba ofisi ya boipelego ba boloditse letsholo la go sekaseka malwapa ao,a supa gore mangwe a tla thusiwa ka ditante go fokotsa mosuke.
A re malwapa mangwe a tla thusiwa ka go fiwa dijo, ka ba ne ba itshetsa ka diatla jaanong ga ba sa kgone ka ntata ya seemo sa tshoganetso.
Rre Tlotleng o tlhalositse le ba bantseng ba thusiwa ke puso ba ka okelediwa dijo go lebilwe seemo sa nako eno.
Molaodi a re ka ba amogetse mpho ya melora go tswa mo komponeng ya Lobkom investment ba tsweletse ka go abela ba ba kobo dikhutshwane, ebile ba setse ba isitse e le 875 kwa CKGR.
A re thulaganyo ya go thusa bana ba ba nnang mo mekgwatlheng le yone e tsweletse ebile ba setse ba simolotse go thusa ba ba neng ba ntse ba thusiwa ke lekgotlana la Windows of Hope ba ba masome a matlhano .
Rre Tlotleng a re maikaelelo ke gore bana ba ba mo mekgwatheng ba tlhokomelelwe kwa malwapeng a bone ,eseng fela ka dijo le gone go ba sidila maikutlo .
Molaodi o ne gape a tlhalosa fa ba kompone ya metsi ya Water Utilities Corporation, ba tsweletse ka go bula dipompo tsa metsi ,tsa mo malwapeng le tsa setshaba .
O ne a tlatsa ka gore go setswe go beilwe ditanka tsa metsi mo mafelong a a faroloaganyeng tse di tla nnang le metsi ka nako tsotlhe . Ends
Source : BOPA
Author : Mothusi Galekhutle
Location : GHANZI
Event : Puisano
Date : 07 Apr 2020