Banni ba Dimajwe ba a iteka
07 Apr 2020
Kgosi Kebadiretse Kebonemang wa Dimajwe a re banni ba leka ka bojotlhe go obamela melawana e e beilweng ke puso go hema go tsenwa ke mogare wa corona.
O boletse mo potsolosong bosheng gore molaetsa wa gore go itshirelediwe jang go tila mogare o gorogile sentle ebile o aname mo motseng, mme sebe sa phiri ke gore banni ba koo ba tshela matshelo a a farologaneng le a metse e metona.
A re banni ka bontsi ba lemile ebile ba ruile mme seemo se tsile ka nako ya letlhafula mme ba tshwanelwa ke go lekola masimo le go nosa leruo ba bo ba boela kwa malwapeng a bone.
Kgosi Kebonemang o file sekai ka bangwe ba mo nakong eno ba santseng ba ise ba tsenye metsi mo malwapeng mme ba gelela kwa baagisaning a re ba tshwanelwa ke go tswa mo malwapeng a bone.
A re bangwe ba apaya ka dikgong mme ba tlamega go ya go rwalela pele ba ka baya pitsa mo isong. Le fa go ntse jalo, a re masimo a banni a gautshwane le motse mme o ba gakolotse go dira se se tshwanetseng.
A re o ba gakolotse gape gore ba seka ba kgobokana mme o lemogile gore ga go na motsamao o o sa tlhokafaleng mo motseng fa e sale puso e laola gore go nniwe mo malwapeng.
Mo go tse dingwe, Kgosi Kebonemang o a akgoletse khamphane ya metsi go dira gotlhe mo e ka go kgonang go bona gore banni ba bona metsi ka nako tsotlhe ka e le one a dirisiwang thata go thibela kanamo ya COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : DIMAJWE
Event : Potsolotso
Date : 07 Apr 2020