Moruti o kopa Batswana go ipabalela
06 Apr 2020
Moruti o kopa Batswana go ipabalela
Moruti wa kereke ya Zion Christian Church mo Kanye Rre Sekhosana Tebogo o kopile Batswana gore ba ipabalele ka go obamela ditaelo tse ba di fiwang ke ba botsogo mabapi le go thibela kanamo ya bolwetsi jwa COVID-19 jo bo tsentseng lefatshe lotlhe tsebetsebe.
Moruti Tebogo o ne a bua jalo mo potsolosong le BOPA ka Mosupologo, Moranang 06 mo Kanye. A re go sala ditaelo morago go ka tlhofofaletsa puso morwalo wa go thibela kanamo ya bolwetsi joo, a tlhalosa fa bo jwelela kwa mafatsheng a mangwe kantlha ya gore bangwe ba itlhokomolosa ditaelo tsa thibelo jaaka go fokotsa mesepele ee seng botlhokwa.
Moruti Tebogo are o gwetlhilwe ke temana nngwe ya Baebele ya Ezekiele 33 ee reng fa motho a bona tshaka e lebanye ba gagabo a ba tlhagise e sere gongwe madi a bone a tloga a lopiwa mo tlhogong ya gagwe. A re le o bona go tshwanela go dira tlhagiso eo ka ga a batle gore madi a sechaba a tloge a lopiwe mo tlhogong ya gagwe.
A re ele kereke ya ZCC ba gata-mmogo le puso mo maitekong a go lwantsha le go thibela kanamo ya bolwetsi jo. O ne a lebogela puso go bo e tsibogetse bolwetsi jo nako e sale teng, a re go dira jalo go tlaa ba tswela mosola. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Topo Monngakgotla
Location : KANYE
Event :
Date : 06 Apr 2020