Breaking News

Monnakgotla o kopa dikgosi go gasa molaetsa

03 Apr 2020

Mopalamente wa Kgalagadi Bokone, Mme Talita Monnakgotla, o gwetlhile baeteledipele ba Lokgwabe le Tshane go tsibosa morafe ka seemo sa tshoganyetso ka jaana ditirelo di le dintsi di tlaa amega.

O buile jalo kwa bokopanong le baeteledipele ba metse eo bosheng. O ne a ba gwetlha go rutuntsha banni ba metse ya bone ka go ema kgatlhanong le kanamo ya mogare wa corona.

Mopalamente Monnakgotla a re baeteledipele le banni ba tshwanetse go tshwaraganela go lwantsha kanamo ya segajajana le puso.

Mme Monnakgotla o ne a lebogela maiteko a puso a go leka go laola kanamo ya mogare o, mme a rotloetsa setshaba go obamela ditaelo tsa ba botsogo ka go tlhapa matsogo ka molora le metsi a a phepa kgapetsa kgapetsa le go fokotsa metsamao mo mafelong a a farologanyeng.

Mogokaganyi wa tsa botsogo kwa kgaolong eo, Mme Kgomotso Moruisi, o ne a supa fa maiteko a go itepatepanya le seemo mo kgaolong a tsweletse.

A re ba tsere tshwetso ya gore go simolola mo kgweding e e sa tswang go ya fifing ya Mopitlo go fitlha ka Moranang a le lesome, ditlhopha tsa ba botsogo  di phatlaladiwe le metse go ruta ka COVID-19.

Mme Moruisi o ne a supa gape fa ba sikile mafelo a  le mabedi a a faphegileng mo kgaolong a a akaretsang kokelwana ya Moselebe kwa Hukuntsi le sekolo sa Botswana Open University kwa Kang go amogela batho ba ba beelwang kwa thoko go tlhatlhobiwa.

O ne a tlhalosa fa mo kgaolong eo, ba ise ba gatise dikgang dipe mme a supa fa ba na le batho ba ferabobedi ba ba itlhaotseng mo setshabeng morago ga gore ba etele kwa mafatsheng a a neng a na le dikgang tsa bolwetse jo.

Mo go tse dingwe, Mme Moruisi a re ba tsamaya le kgaolo go buisanya le magosi, maloko a dikomiti tsa ditlhabololo tsa metse, baruti le bagolwane ba bangwe ba metse.

Fa a tswa la gagwe, molaodi wa kgaolo potlana ya Hukuntsi, Mme Segomotso Nkwane, o ne a gwetlha bogogi jwa metse go tshwaraganela tiro e le puso go anamisa molaetsa kwa merafeng ya bone.

Mme Nkwane a re tshwaragano eo, e tlaa thusa puso  go falola manokonoko a a tseneletseng.

O ne a ba itsise gape fa puso e butse matlole le dibanka gore setshaba se latlhele dithuso tsa madi mme a re dithuso tse eseng tsa madi tsone, ba ka di rolela ofisi ya ga molaodi mo kgaolong. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : LOKGWABE

Event : Bokopano

Date : 03 Apr 2020