Breaking News

Khansele le DHMT di anamisa molaetsa

01 Apr 2020

Bagolwane ba khansele potlana ya Serowe, ba patilwe ke badiri ba  lephata la botsogo le boitekanelo, ba boloditse letsholo la go gasa molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa corona.

E rile ka Mosupologo, lekoko leo la etela badiri ba matlhabelo a dikgomo a Serowe, kwa ba fitlhetseng badiri ba eme sentle go thibela mogare wa corona.

Badiri ba matlhabelo ba kaile fa le bone ba monetse marulana pele ka go iphapa le go obamela dikgakololo tsotlhe, mme ba bolela fa sebe sa phiri e le gore tiro ya bone e ba patika go bereka ba atumalane thata.

Ba re ba leka ka thata go tlhapa ka metsi aa nang le molora nako le nako fa ba ntse ba theogetse.

Moanamisa mafoko wa khansele potlana ya Serowe, Rre Onkabetse Ntwe, o tlhalositse mo potsolosong fa go santse go sekasekwa gore badiri ba ka theogela jang.

Mokwaledi wa khasele potlana e, Rre Rampootho Kedikilwe, o kgothaditse badiri ba khansele go tsaya dikgakololo le melawana ya ba botsogo ka tsoo pedi.

O boletse fa mogare wa corona o anama ka lebelo le le kwa godimo thata, mme go batla babereki ba ititaya ka thupana go ipabalela.  Modiri wa botsogo go tswa kwa lekalaneng la DHMT, Rre Mogomotsi Samson, o ne a bolela fa bolwetse jwa COVID-19 bo anama go tswa mo mothong go ya kwa go yo mongwe.

A re bo anama fa molwetse wa teng a gotlhola kana a ethimola a sa thiba molomo kana nko kana motho a amana le didirisiwa kgotsa diatla tse di kgotlelesegileng.

A re bolwetse bo itshupa ka dikai tsa mhikela, mogote oo kwa godimo, go gotlhola, go hema ka thata, letsapa lele feteletseng le go opa ga tlhogo.

Rre Samson o ne a bolela fa dikai di ka gatelela batho ba masole a bone a mmele a leng kwa tlase, bagodi, batho ba malwetse a a sa alafesegeng le ba malwetse a mafatlha.

O boleletse badiri ba matlhabelo gore bolwetse ga bona kalafi, mme balwetse ba thusiwa ka kalafi ya dikai tse ba di supang.

Rre Samson o ba kopile go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora le di bolaya mogare, go thiba molomo le nko ka khuti ya sejabana fa motho a gotlhola kana a ethimola, go ikgapha mo go botlhe ba ba nang le dikai tsa mhikela le fa go leng mosuke teng.

E re dikgang di eme jalo, Tautona, Dr Mokgweetsi Masisi erile ka Labobedi a bolela fa go tlaa nna le seemo sa tshoganetso mo lefatsheng leno, ele tsela nngwe ya go lwantsha COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Loeto

Date : 01 Apr 2020