Modukanele o kopa dikgosi go emela morafe ka dinao
01 Apr 2020
Mothusa Tona wa Dikgaolo le Tlhabololo Magae, Rre Sethabelo Modukanele, o kopile dikgosi tsa metse ya Khekhenye le Tshwaane kwa kgaolong ya Kweneng go kopa banni go itepatepanya le mogare wa corona.
O buile se kwa bokopanong jwa dikgosi tsa metse e e mo kgaolwaneng ya Takatokwane ka Labobedi.
A re mongwe le mongwe o tshwanetse go bona gore go ipabalelwa jang gore mogare o seka wa anama.
Rre Modukanele o kopile dikgosi go bua le merafe ya bone go itlhokomela mo COVID-19 le go sala melaetsa morago jaaka go tlhapa diatla ka molora le metsi a a phepa.
Mothusa tona o tlhalositse fa puso e tlaa tlamega go gagamatsa melao gore ba kganele mogare fa o setseng o le teng.
O kopile Batswana go se tsenwe ke tsebetsebe mme ba obamele ditaolo tsa ba bongaka, a supa fa ba solofela fa seemo se se tlaa feta.
O tlhalositse fa ba dira ka gotlhe gore fa seemo se se feta se bo se sa feta ka matshelo a batho ba le bantsi jaaka se dira kwa mafatsheng a mangwe.
Rre Modukanele o ne a kopa baeteledipele ba metse gore ba kopane go bona gore ba ka dira eng gore batho ba babalesege.
O kopile Batswana botlhe gore ba tseye molaetsa o o gorogang tsia, a bo a ba rurifaletsa fa ba ya go kopana gore ba ka tsaya dikgato dife tse disha.
Rre Modukanele o tlhalositse fa Batswana ba tshwanetse go itse fa Modimo a le teng mme a tlaa ba sireletsa mo go tsotlhe.
Mopalamente wa kgaolo ya Takatokwane, Rre Friction Leuwe, o ne a kopa dikgosi go tswelela ka go gakolola merafe ka segajaja se, a ba a ba rotloetsa go nna moko o thata mo go kgothatseng batho, a re ba se kgojwe marapo ke ba ba sa nkeng ba utlwa gangwefela.
O ne a kopa baeteledipele go netetefatsa gore banni ba metse ya bone ga ba rekise bojalwa ka boferefere a bo a supa fa ba tlaa bo ba sa tsietse puso mme go ipolaya bone fa ba dira jalo.
Rre Leuwe a re seemo se se ka laolesega fela fa mongwe le mongwe a ka dira seabe sa gagwe.
O ne a lebogela mothusa tona go ba lekola, a bo a kopa banni go ipabalela le a baruti go tswelela ba rapela Modimo. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : Khekhenye
Event : Bokopano
Date : 01 Apr 2020