Kgosi o lebogela morafe maiteko
31 Mar 2020
Banni ba kgotlana ya Mahalapye West ba akgoletswe go ema ka dinao go kganela kgonagalo ya go anama ga mogare wa corona.
Kgosi Bakgori Keitebetse a re morafe o tsweletse ka maiteko a mantle go lwantsha mogare.
O buile jalo fa a phatlalatsa morafe kwa phitlhong ya ga Mme Gadifele Ofentse kwa Mahalapye ka Tshipi.
A re le fa gone morafe o ne o tshologile go feta palo tse di beilweng ke ba botsogo, se se mo molemo ke gore ba ne ba sa kgotlhagana.
A re le mokgwa wa tlwaelo wa go phatlalatsa morafe ga o a dirwa.
Kgosi Keitebetse a re le fa a tlhaloganya gore dingwe tsa ditsetlana tse di ntshitsweng go lwantsha kanamo ya mogare wa corona di gotlha gotlhana le mekgwa le tsamaiso ya ngwao, go botlhokwa go dira tsotlhe go thibela kgonagalo ya go anama ga mogare.
Kgosi Keitebetse a re le ntswa go sa tlwaelesega go nna ka go gasa gasama , se se botlhokwa ke gore morafe o supa gore o tlhaloganya maikaelelo a se se dirwang, e leng go thibela kanamo ya mogare wa corona.
Kgosi Keitebetse a re mogare wa corona o ka fenngwa fa batho ba ka obamela ditaelo tsa botsogo.
A re mogare wa corona o tla ka diphetogo mo matshelong a botlhe, mme o ka fenngwa ka go diragatsa ditaelo tsa ba botsogo. A re ke nako ya gore setshaba se tshwaragane pele seemo se tsaya phekelo e sele.
O gakolotse batsadi go tlhokomela bana, morago ga gore puso e tsee tshwetso ya go tswala dikolo, ka maiteko a go thibela kanamo ya mogare wa corona.
Kgosi Keitebetse a re o tshwenngwa ke go bona bana ba tsweletse ka go kgobokana ka dipalo tse dintsi mo mekgwatlheng, seemo se se ka ba tsenyang mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.
A re le fa e e le tshwanelo ya gore bana ba fiwe nako ya go tshameka, twantsho ya mogare wa corona, e ntshitse mongwe le mongwe mo go direng dilo ka mojgwa wa tllwaelo.
O gateletse gore batsadi ba netefatse tshireletsego ya bana.
Kgosi Keitebetse o gwetlhile batsadi go rotloetsa bana go tlhapa matsogo ka molora kgapetsa kgapetsa pele ba tshwara dijo ka na fa ba goroga mo lwapeng ba tswa kwa mafelong a mangwe.
O tsweletse a rotloetsa go obamela melawana e beilwe jaaka wa kiletso thekiso ya nnotagi, le go tshwaragana gore ba kgone go fenya mamba.
A re sengwe se se tshwenyang thata, ke gore bangwe ba santse ba tshwareletse mokgwa wa go nwa ba amogana phafana ka go ba tsenya mo boraing jwa go tsenwa ke morafe wa corona.
O tlhaloseditse morafe gore puso e tla tswelela ka go seka seka melawana e beilweng, mme le fa go ntse jalo setshaba se gakolololwa go tswelela ka go dira tsotlhe tse ka thibelang mogare wa corona go anamela mo Botswana.
Mokhanselara wa kgaoo ya Ngakaagae, Rre Khumo Motonto, a re o nona pelo ka mathe go bona morafe o tshwaraganye, mme o dira ka natla go sala morago ditaelo tsa ba lephata la botsogo le boitekanelo.
Mokhanselara Motonto o gatletse botlhokwa jwa go lthapa matsogo kgapetsa kgapetsa ka metsi a phepa le molora go boalaya megare.
Are go botlhokwa go obamela taolo e ntshitsweng ke puso ya go eletsa thekiso ya nnotagi, go kokoana mo malatsing a le masome mararo go fokotsa kgonagalo ya go anamisa mogare wa corona.
A re ba lemoge gore seo, ga se dirwe ka maikalelo a go bogisa ope, mme se dirwa go babalela matshelo a bone.
Rre Motonto a re go botlhokwa go dira tsotlhe tse di ka babalelang matshelo, a tlatsa ka gore botshelo bo tla a tswelela morago ga go lwantsha mogare wa corona, ka jalo go botlhokwa gore mongwe le mongwe a falolle segajaja se.
BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : MAHALAPYE
Event : phitlho
Date : 31 Mar 2020