Spar ga e letlelele bana go reka
31 Mar 2020
Marekisetso a Spar kwa Serowe ga a letlelele bana go reka kwa marekisetsong ao go thibela kanamo ya mogare wa corona.
Mogolwane wa Boiteko Spar, Mme Florence Ortel, o boletse mo potsolotsong gore puso e ne ya tswala dikole gore baithuti ba nne kwa malwapeng e seng go sasankega. A re bana bangwe ba dikole ba saila le marekisetso fa bangwe ba tsamaya le mebila.
A re ba kganela bana go reka kwa marekisetsong a bone le fa ba ka rumiwa ke batsadi, mme ebile ba ikuetse mo batsading go emisa go roma bana kwa marekisetsong ka go na le mosuke.
O boletse fa ba tshwenngwa ke ka fa bana ba dikole ba tlalang kwa marekisetsong ka teng mme fa gongwe ba sa dire sepe se se kalo. Mme Ortel o boletse fa ba dira ka gotlhe go bona gore babereki le bareki ba sala morago dikgakololo tsa go thibela mogare wa corona.
A re bareki ba tlhapa diatla fa kgorong ya marekisetso ka metsi a a nang le molora fa kwa go duelelwang teng baduedise ba dirisa setlolo sa diatla (sanitiser) nako le nako.A re ba beile metsi a a nang le molora fa kgorong ka gore bangwe ba re sanitiser ga e ba tseye sentle. A re ba ba duedisang ba sutlha dipolokelo tsedi tsenyang madi le tafole e ba direlang mo go yone ka dibolaya megare.
Mo marekisetsong go na le dikaedi tse di supang gore batho ba nna sekgale se se kae ba sa atumalane thata ebile ga go tsenwe ka mogoro mo marekisetsong. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 31 Mar 2020