Breaking News

Maikutlo a farologanye ka thekiso ya bojalwa

30 Mar 2020

Batswana ba ntshitse maikutlo a a farologanyeng mabapi le tshwetso ya puso ya go emisa thekiso ya bojalwa sebaka sa malatsi a masome mararo.

Tshwetso e, ke maiteko a go kganela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19 jo bo bakileng ketsaetsego le letshogo mo lefatsheng ka bophara.

Batho bangwe kwa merakeng le mafelo mangwe aa kgakala le ditlamelo, ba na le letshogo la gore ba tsile go aparwa ke lehuma, ka ba ntse ba itshetsa ka thekiso ya bojalwa, fa bangwe bone ba re go tlaa thusa go fetola maitsholo a batho segolo jang banana.

Le ntswa ba supa fa ba utlwile melaetsa ya tlhagiso ka COVID-19, kwa merakeng ya Hubasanoko le Mmathobola, thekiso ya bojalwa e ne e tsweletse ka tlwaelo.

Mme Gaytri Ofentse a re ba tshwenngwa ke go nowa ga bojalwa ka go fapaanela diphafana mo e leng tlwaelo ya batho ba mafelo ao, mo go ka tsenyang matshelo a bone mo diphatseng.

Kwa motsaneng wa Kweneng, batho bangwe ba amogetse tshwetso ya puso go emisa thekiso ya bojalwa, ka tsholofelo ya gore e kare e ka nna selo sa sennela ruri le fa bolwetse bo ka fela.

Mme Mpulenyane Lebakeng a re e re ka jaana motsana wa Kweneng o ntse o gateletswe ke seemo sa borukutlhi le botlhoka tsebe jwa banana, o na le tsholofelo ya gore seemo se ya go ritibala, ntlha e a kayang e lemosegile mo dioureng di se kae tsa tshimolodiso ya kiletso ya thekiso ya bojalwa mo sebakeng sa malatsi a masome mararo.

“Motse wa rona o ntse o fetogile Sotoma le Gomora, bana ba sa re utlwe, dipolaano di ile magoletsa ka ntata ya go nowa phetelela ga bojalwa. Ke lemogile pharologanyo mo nakong e khutshwane ya go emisiwa ga thekiso ya bojalwa,” ga tlhalosa jalo, Mme Lebakeng.

A re e re le ntswa ba tshositswe thata ke go utlwa ka go tlhagoga ga bolwetse jwa COVID-19, ba amogela tshwetso ya go emisa go nowa ga bojalwa ka nakwana, mo a eletsang e ka nna selo sa se nnela ruri go thusa go aga malwapa le go fetola maitsholo a bana.

“Ke dumela fa tshwetso e tlaa thusa le gone go laola metsamao ya bana ba rona ba ba aperweng ke boitaolo, e bile ba tlolaganya masea go siana le bojalwa.

Mafoko a gagwe a iteetswe kobo moroko ke Mme Selina Mantshoge ka go supa fa seemo sa bojalwa le tiriso ya ditagi di agolotse banana ba jaanong ba kgokgontshang batsadi, e bile ba sena taolo mo malwapeng a bone.

Le fa go ntse jalo, ramapodisi a kgaolo ya Molepolole, Superintendent Motlhaba Ramaabywa o supa dipalo tse di kwa tlase tsa batho ba le bane, ba ba tshwerweng ka go rekisa bojalwa ntle le teseletso le ba le lesome ka go nwela bojalwa mo mafelong a a sa letlelelweng le dikgwebo tsa meriri di supa ka Matlhatso. 

Kwa Hatsalatladi gone, go ne ga tshwarwa batho ba le masome mararo le borataro ka Labotlhano ba ba neng ba a nwa bojalwa ba kokoane gammogo le morekisi wa jone. 

Kwa Mmanoko le Gamodubu e nnile batho ba le babedi ba baneng ba a nwa ba tsamaya.

Kwa Thamaga, Superintendent Moses Kwarare o tlhalosa fa dilo di ile meriting mo kgaolong e e tlwaelesegileng ka botlhoka tsebe jwa banana.

A re go kwadisitswe dikgang di le lesome le bone ka matlhatso.

Tse thataro mo go tsone ke tsa marekisetso a dijo tse di buduleng, tse tlhano ke tsa go nwa bojalwa mo mekgwatheng le tse tharo tsa go rekisetsa mo malwapeng, go dira jalo e le go ikgatholosa dikiletso tsa bosheng tse puso e di beileng go lwa ntsha kanamo ya COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : Molepolole

Event : Potsolotso

Date : 30 Mar 2020