Breaking News

Barekisi ba ipaakanyeditse seemo

30 Mar 2020

Go lebega segajaja sa COVID-19 se tlaa kokonela batho ba ba rekisang letlhafula mo tseleng ya Trans Kalahari.

Barekisi ba, ba simolotse ba le bantsi, mme jaanong palo e fokotsegile fela thata.

 Mongwe wa bone ke  Mme Bothojwame Dioka, yo a reng ba reka mmidi, magapu, makgomane le ntshe mo masimong a a gaufi le tsela mme ba rekise ka tlhwatlhwa e e ba direlang dipoelo.

A re bontsi jwa bareki ba bone ke ba ba fetang le tsela jaaka bakgweetsi ba diteraka ba ba tswang Aferika Borwa le Namibia.

Mme Dioka a re ka ntlha ya mogare wa corona, go na le phokotsego ya motsamao mo tseleng eo.

A re e re ka a tlhaloganya ditlamorago tsa segajaja mo dikarolong tse di farologaneng tsa itsholelo, o ipaakanyeditse diemo tsotlhe tse di ka tlang. 

Mme Dioka a re o tsweletse ka go tsenya seemo leitlho, mme mo bogompienong, o emetse gore tse a setseng a di rekile di fele a ba a ya go nna kwa lwapeng jaaka ba botsogo ba rotloetsa.

Mme Dioka o rotloeditse barekisi go diragatsa ditaelo tsa botsogo jaaka go neela bareki ba bone metsi le molora gore ba tlhape diatla. 

A re bophepa jwa didirisiwa tsa bone le jone bo ka thibela kanamo ya mogare oo.

Rre Tsaone Tsiripane ene a re o tlogetse botshelo jwa toropo kgwedi e e fetileng go ya go rekisa legwetla mme o ikemiseditse ditshwetso tsotlhe tsa botsogo tse di thibelang kanamo ya mogare wa corona.

O supile fa mo dibekeng tse di fetileng a lemogile fa dipoelo tsa go rekisa di  le botoka go na le tiro e a ntseng a e bereka kwa Gaborone, bogolo jang ka mafelo a beke fa metsamao ya batho e le mentsi.

Rre Tsiripane o supile fa a ne a simolola go ipaakanyetsa diemo tse di ka gomagometsang kgwebo ya gagwe fa a sena go utlwa melao e mesha ya dipalamo, ka jaana se se raya gore palo ya bareki le yone e tlaa fokotsega.

O tlhalositse fa a reka mo go lekanetseng fela, go ipaakanyetsa sepe fela se se ka tlhagang.

A re se se tlaa mo thusa gore fa dikgwebo di tswalwa a ba a sa tshola dijo tse dintsi tse di ka senyegang.

Le fa go ntse jalo, Mme Gorata Lesole ene o tlhalositse fa melao e mesha ya botsogo e tlaa mo thusa go tlhokomela bana le metsamao ya bone kwa lwapeng.

A re o ntse a rekisa dijo tse di apeilweng mme o tsere tshwetso ya go tswala madirelo gore bareki ba mo leletse fa ba tlhoka dijo.

A re o tsere tshwetso e morago ga go lemoga fa theko e le kwa tlase mo jaanong a neng a patelesega go boa ka dijo malatsi a tlhomagana. 

A re le fa go fokotsega ga batho mo ditseleng go amile dikgwebo tse dipotlana, ba tlhaloganya gore maikaelelo a puso ke go babalela botsogo jwa setshaba kgatlhanong le COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kehumile Moekejo

Location : Kanye

Event : Potsolotso

Date : 30 Mar 2020