Breaking News

Mapodisi a tshwere ba feta masome mabedi

29 Mar 2020

Mogolwane wa mapodisi kwa Serowe, Superintendent Poloko Oteng, a re ba tshwere batho ba le masome a mabedi le boroba bobedi kwa kgotleng ya Rakgomo go bapa le mmolo wa Serowe bosheng.

Supt Oteng o boletse mo potsolotsong fa batho bao, ba ne ba kokoane le mororo dikgakololo ka go thibela mogare wa corona di opelwa bosigo le motshegare gore go seka ga nna jalo.

A re batho bao, ba ba neng ba a nwa bojalwa, ba fitlhetswe kwa sepotong. 

Supt Oteng a re bangwe ba ne ba le dikgoka ebile ba sa dumalane le dikgakololo tsa mapodisi, mme ba lebisiwa molato o mongwe gape wa dikgoka le manganga.

A re go ya ka molao wa botsogo, fa batho ba kokoana e se ka fa molaong ba gogelwa kwa kgotla tshekelong mme fa ba bonwa molato ba ka atlholelwa dikgwedi di le lesome le bobedi mo kgolegelong, P5 000 kgotsa tsotlhe ka bobedi.

Supt Oteng a re mapodisi a Serowe a ikgaogantse ka ditlhopha go baya seemo leitlho go bona gore a go obamelwa dikgakololo tse di tswang kwa pusong go thibela mogare wa corona.

O boletse gape fa ba tswenngwa ke banana ba ba kokoanang helo go le gongwe ba re ba latile WiFi go tsena mo maranyaneng.  Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Potsolotso

Date : 29 Mar 2020