Breaking News

COVID-19 e fetola tsamaiso ya manyalo

29 Mar 2020

Go ne go sena epe ketsaetsego mo go ba ba neng ba nyalana beke e e fetileng, morago ga gore puso e ntshe taolo ya gore go seka ga nna le batho ba ba fetang lesome golo go le gongwe.

Nako e, ke nngwe ya dinako tse manyalo a bong a le mantsi, go lebilwe gore e re ka malatsi a Paseka, go bo go jewa go nowa, go gorosiwa dingwetsi.

Mongwe wa ba ba neng ba nyala ebile e le lepodisi e ne e le Sub-Inspector Kabelo Matlhaga go tswa kwa Mochudi mme a direla kwa Machaneng,.

O ne a nyala kwa Maunatlala.

O boletse mo potsolotsong fa go ne go sena se se ka dirwang fa e se go folosa fela ka bane ba setse ba pegile.

Go ne ga seka ga le mokete ope oo neng o ka bakang mosuke kana go kgobokana.

Rre Matlhaga re ba tlaa emela nako e Modimo a tlaa e laolang go fedisa segajaja mme ke gone ba dire dithulaganyo tse di tshwanetseng go boela mo tsamaisong ya goipela le masika le ditsala.

A re ga gona sepe se se ba fetsang pelo go dira jalo ka e le bontlha bongwe jwa setshaba ba tlamega go ema ditshwetso tsa puso nokeng. 

Mongwe wa batsadi go tswa Maunatlala, Mme Betty Gasitwe a re lenyalo ke thulaganyo ya Modimo, fela jaaka sengwe le sengwe se na le motlha wa sone mme se ga se ba tshwenye, mme fela go tlhoka dithapelo gore bolwetse bo kokobele.

Mme Gasitwe a re ba ya go dira se puso e se laotseng go sireletsa setshaba.

Mothusa molaodi wa Palapye, Mme Gaehetswe Maphakwane a re go le gantsi mo nakong e ba kgona go nyadisa manyalo a feta masome a mabedi, mme mo bogampienong ba nyadisa a le marataro fela ka beke.

O supile fa ba kgaogantse manyalo ka ditlhopha tse pedi, a le mararo a nyadisediwa kwa kgotleng ya Palapye fa a mangwe a tlaa nyadisediwa kwa ntlung ya diphuthego ya ga molaodi fela jaaka tlwaelo.

Pharologanyo ke gore go letlelelwa banyadi le basupi ba bone ba le babedi, molaodi,  modiri wa ofisi ya Omang le mokapa ditshwantsho fela.

Mme Maphakwane o kaile fa batsadi ba se na go letlelelwa go tsena, mme ebile lenyalo le ya go tshwarwa mo sebakang sa oura, seo se raya gore mo sebakeng sa dioura tse tharo, manyalo a tlaabo a feditswe ebile ba boetse kwa malwapeng kwa le gone go senang go nna le ipelo epe teng.

Ka mabaka a COVID-19, ofisi ya ga molaodi ya Palapye e ne ya patelesega go boela kwa go Labone go nyadisa manyalo a mangwe a a neng a tshwanetse go ya dikerekeng mme Labotlhano ba feleletsa a a ntseng a rulaganyeditswe nako eo.

Mme Maphakwane a re mo tsamaisong e e teng ya go nyadisa, ba tsaya sebaka go gakolola banyalani ka tsamaiso e ba tshwanetseng go e a sala morago e e beilweng ke puso gore ba seka ba dira meletlo kwa malwapeng.

A re ofisi ya ga molaodi ga e a emisa thulaganyo epe ya go kwadisa le go folosa manyalo, fela ba fokoditse dipalo le dinako.

Mo potsolotsong, Batswana ba supa ba wetse dibete ebile ba itumeletse dikgato tse puso e di tsereng go thubela COVID-19. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : Palapye

Event : Potsolotso

Date : 29 Mar 2020