Breaking News

Babalelelang matshelo a setshaba

29 Mar 2020

 Bakgweetsi ba dipalamo tsa setshaba kwa Tsabong ba gakolotswe go fokotsa palo ya bapalami go kganela kanamo ya mogare wa COVID-19.

Kgakololo e, e dule ka Assistant Superintendent Itumeleng Maruru wa sepodisi sa Botswana kwa bokopanong jwa bakgweetsi ba dikoloi tsa setshaba, lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le la botsogo le boitekanelo bosheng.

Asst Supt Maruru o ne a tlhalosa fa balemogile gore bakgweetsi bangwe ba itlhokomolosa melaetsa ka segajaja sa COVID-19 ka a tsweletse ka go tlatsa setshaba mo dikoloing.

O ne a ba rotloetsa go pega motho a le mongwe ka nako e le nngwe ka tlhwatlhwa ya malatsi otlhe. 

A re seo se ka kganela kanamo ya mogare.

Ast Supt Maruru o ne a kopa bakgweetsi go ikgapha mo go iseng setshaba kwa dikgorong tsa melelwane ka di santse di tswetswe. 

Fa a tswa la gagwe, mogolwane kwa lephateng la dipalamo le ipabalelo tseleng, Rre Lyon Nthebolang o ne a tlhalosa fa botsogo bo tla pele, ka jalo mongwe le mongwe o tshwanetse go ema ka dinao mo go lwantsheng mogare wa corona. 

Rre Nthebolang a re mogare o gaketse thata kwa mafatsheng a mangwe, mme a patelesegile go tsaya tshwetso ya go emisa ditirelo tsa setshaba, mabaka e le go fokotsa kanamo ya mogare.

O ne a bolela fa lephata la dipalamo le ipabalelo tseleng le tsere tshwetso ya go emisa ditirelo dingwe ka nakwana ka lebaka la bolwetse joo. 

A re ditirelo tseo di akaretsa go aba diteseletso tsa go pega setshaba, go shahatsa ditlankana, ditlhatlhobo tsa go tsaya setlankana le tse dingwe, mme a supa fa tlhatlhobo ya dikoloi gore a di itekanetse yone e sa emisiwa.

Rre Nthebolang o ne a rotloetsa bakgweetsi ba ba pegang setshaba go tlhomamisa gore dikoloi tsa bone di phepa ka nako tsotlhe.

Badiri go tswa kwa kokelong ya Tsabong, ba tlhaloseditse bakgweetsi ka botlhokwa jwa go tlhapa diatla ka metsi a a nang le molora le gone go dirisa setlolo se se bolayang mogare.

Ba kopile gore ka ntata ya tlhaelo ya ditlolo tse kwa marekisetsong, batho ba ka dirisa molora le metsi go tlhapa diatla ka nako tsotlhe.

Badiri ba kokelo ba ne gape ba gakolola bakgweetsi go ikgapha mo go diriseng letsela le le itshutlang diatla le le hapaanelwang, ka le ka anamisa mogare, mme ba dirise pampiri ya diatla e e latlhiwang.

Ba supile fa dikai tsa mogare oo, e le mohikela, mogote o o kwa godimo, go go tlhola, letsapa le le feteletseng, tlhogo e e opang le go hema ka thata. Mme ba kopa gore ope fela yo o ka nnang le dikai tseo, a bone ba botsogo.

Fa a latlhela la gagwe, modulasetilo wa lekgotla la bakgweetsi ba di bapalamo tsa setshaba kwa Tsabong, Rre Mooketsi Sephiri, o ne a gwetlha badiri go tshwaragana le puso mo go gaseng molaetsa.

Rre Sephiri o ne a supa fa ba ne ba bona go le maleba go buisana le ba lebaneng ka go ba rutuntsha ka mogare oo.

O ne a ba kopa go ikgapha mo go pegeng palo e e feteletseng ya bapalami, a supa fa ba tshwanetse go nna sekao mo setshabeng ka go ikgapha mo mogareng le go rutuntsha bangwe ka bone go ikgapha.

Rre Sephiri o ne a ba kgothatsa go nna le botho, ebile ba tlotlane, ba nne seopo sengwe, mme ba dire ba tshwaragane, ba emise go nna ba supana ka menwana, ka seo se ka ba busetsa morago. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : Tsabong

Event : Bokopano

Date : 29 Mar 2020