Breaking News

Ba rotloeditswe go ikemela ka dinao

29 Mar 2020

Mogolwane wa lekalana la tsadiso le tlhabololo ya leruo, Rre Joseph Modo, o rotloeditse batho ba ba thusitsweng ka lenanaeo la nyeletso lehuma go dirisa dikitso tse ba di filweng go itirela dikgwebo.

Rre Modo o ntshitse kgothatso e kwa moletlong wa go wetsa dithuto tsa tiro ya diatla ya matlalo kwa kampeng ya matlhoko a leruo ya Orapa bosheng.

Dithuto tse tsa dibeke tse thataro, di ne di tsenwe ke batho ba le lesome go tswa kwa  Boteti.

O ne a ba kopa go sa tsaya dithuto motlhofo ka di ka fetola matshelo a bone.

Rre Modo a re kgwebo nngwe le nngwe e na le dikgwetlho, ka jalo go tlhoka boineelo le bopelotelele gore motho a goroge kwa a go batlang.

O ba rotloeditse go dira setlhopha gore ba kgone go thusana le go fana maele ka tiro ya bone a re ba tsene mo maranyaneng ka ba ka ithuta go le go ntsi, ba ipapatsa le go bona mmaraka.

Rre Modo o kopile dialogane go tshwaragana gore ba kgone go dira mokgatlho wa ditiro tsa matlalo mo e ka reng pheletsong ba bo ba ka nna le madirelo a matlalo.

A re ba tshwanetse go sekaseka gore ke eng se se tlhokwang bobe mo mmarakeng se se ka ba tsisetsang madi a tlatsa ka gore go ipapatsa go botlhokwa mo kgwebong.

Rre Modo o ba rotloeditse go ruta ba bangwe segolo jang barui gore ba tlhokomele leruo la bone gore ba bone dipoelo tse di nametsang le mo matlalong tota.

Morutuntshi wa matlalo wa kgaolo ya Kweneng, Mme Catharine Modimoopelo o lebogile baithuti go bo ba kgonne go tshwara se ba se rutwang mo nakong e e khutshwane.

Mme Modimoopelo o ba kgothaditse gore ba dirise dithuto tse ba di amuleng a re le fa puso e ba thusa le bone ba eme ka dinao ba itirele.

Mongwe wa baithuti ba, Mme Galethope Moroka, a re ba lebogela dithuto ka di tsile go fetola matshelo a bone.

A re go ne go se motlhofo mme ka bane ba na le maikaelelo, ba kgonne go fenya, a tlatsa ka gore ba itlamile gore ba ya go dira ka natla go dirigatsa lenaneo le. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Kefilwe Selotlegeng

Location : Letlhakane

Event : Moletlo

Date : 29 Mar 2020