Breaking News

Kgosi Kgari III o kgalemela ba ba itlhokomololosang melaetsa ya thibelo

26 Mar 2020

Kgosi wa Bakwena o kgadile a sa kgwe mathe gore morafe wa gagwe o itlhokomolosa melaetsa ya ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi le ba botsogo e e rotloetsang Batswana go itshireletsa go hema go tlhagoga ga mogare wa corona mo lefatsheng.

Kgosi Kgari III o buile jaana mo potsolotsong morago ga gore bangwe ba bo ba santse ba itlhokomolosa ditaelo tse mme ba tswelela ka go dira dilo ka fa ba tlwaetseng ka teng, bogolo jang mo dintshong.

A re go a hakgamatsa gore mo nakong eno go bo go santse go na le batho ba ba sa tseeng melaetsa ya puso ka tlhoafalo go ipabalela le go babalela Batswana ba bangwe gore ba seka ba tsenwa ke mogare wa COVID-19.

A re e re ka bolwetse jwa COVID-19 bo tsweletse ka go anama mo mafatsheng ka go farologana, go botlhokwa gore e le bogogi jwa motse ba tswelele ka go tsaya boikarabelo  go netefatsa gore Molepolole o obamela ditaelo tsa go thibela go tsena kgotsa go anama ga mogare wa corona.

Ka jalo, a re ba tlaa patelesega go tseela batho ba ba itlhokomolosang ditaelo dikgato tse di gagametseng, bogolo jang mo ditirong di tshwana manyalo kgotsa tsa dintsho, go netefatsa gore kokoano ya batho ga e fete palo e e beilweng ke puso.

A re ke boikarabelo jwa dikgosi kwa dikgotleng tsa bone go tsenya leitlho le go tsaya dikgato di tshwana go ka tsholola dijo tse di apeetsweng morafe.

Kgosi Kgari III o ne tswelela ka go kopa morafe gore ba se nne kgopo mme ba tseye ka tlhoafalo dikgakololo tse di tsibosang setshaba ka bodiphatsa jwa COVAD-19 le go hema kanamo ya yone.

“Le fa seemo se ama thata ditsamaiso tsa rona re le morafe, go botlhokwa gore re tsepame mo ditaelong tse ke dumelang e tlaa nna tsa nakwana go hema dikgogakgogano,” Kgosi Kgari III a gakolola.

Tsibogo ya ga Kgosi Kgari III e tla jaana morago ga seemo se se lemogilweng ke BOPA gore morafe wa Bakwena o saletse kwa morago mo go tsibogeleng ditaelo, bogolo jang fa go tla mo dikokoano tsa dintsho tse di tlalang phetelela le go fa morafe dijo.

Mokhanselara wa kgaolwana ya Ntlolengwae, Rre Mokwaledi Mokwenaotsile ene a re o tshwenngwa ke seemo se mo go sone bana ba dikole ba gobeyang le mekgwatha le go tshameka mo go sa babalesegang le mororo puso e dirile maiteko a go ba sireletsa ka go tswala dikole gore ba nne mo tlhokomelong ya botsadi.

Mokhanselara yo o ithophetsweng, Rre Nduela Kgarebe, o tlhalositse fa ba tshwentswe ke go nna maoto a tshupa ga Bakwena mo go thuseng puso go lwantsha kanamo ya mogare, mme a tlhalosa fa ba tshwere ka natla go ruta batho go hema go thanya lo le tsebeng.

Mongwe wa batsadi kwa tirelong ya loso mo Molepolole ka Labobedi, Rre Sane Pitinyane, o supile fa  maiteko a go diragatsa ditaelo a le teng, mme bothata e le gore phuthego ya  loso ga e lalediwe, ka jalo go fokotsa dipalo ke kgwetlho le fa gone ba tlhomamisa thulaganyo ya go nna ka go katologana le tiriso ya metsi a a molora gangwe le gape.

“Re lekile go dira dilo ka thulaganyo re tla re boifa go gotlhagotlhana le molao, mme gongwe re tla re tsiediwa ke gore ditsamaiso tse re santse re di itlwaetsa ka jaana di re tshoganyeditse,” ga tlhalosa mongwe wa bagolo, Rre Commet Tatolo.

Rre Setoba Kgalaeng ene o ne a gakolola Bakwena seemo se ka tokafala fela fa thulaganyo ya go apeela morafe mo dintshong e ka emisiwa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kebaeditse Baitlotli

Location : MOLEPOLOLE

Event : Potsolotso

Date : 26 Mar 2020