Breaking News

Dikgosi di kopiwa go lwantsha mogare

26 Mar 2020

Mothusa Tautona Slumber Tsogwane a re le fa mo nakong eno go se ope yo o tshwerweng ka mogare wa COVID-19, go botlhokwa go monela marulana pele.

Fa a buisa maloko a Ntlo ya Dikgosi kwa dikagong tsa Palamente ka Labobedi, Rre Tsogwane o ne a re puso, e eteletswe pele ke baitseanape ba lephata la botsogo le boitekanelo e loga maano a go thibelela gotlhelele gore mogare wa corona o seka wa tsena mo Botswana.

A re mosele wa pula o epiwa go sale gale, e bile setshwarwa ke ntsa pedi ga se thata, ka jalo go botlhokwa gore dikgosi di tshwaragane le mapolotiki le badiredi ba lephata la botsogo go lwantsha le go thibela kanamo ya mogare wa corona.

Rre Tsogwane o supile fa magosi a na le seabe se segolo mo go iseng dikgang kwa morafeng.

O supile gore thekiso ya bojalwa mo malwapeng ke nngwe ya tse di tlaa angwang ke melawana ya go laola kanamo ya mogare wa corona.

Ka jalo, a re puso e ikuela mo magosing go thusa go tsibosa morafe gore maiteko a a dirwang go laola mogare wa corona a nne le mosola.

O supile gore dipalo tsa batho mo ditirong tsa morafe jaaka manyalo le dintsho di tla amiwa ke melao e e laolang go kgobokana ga batho.

Maikaelelo ke go itsa kanamo ya mogare wa corona, ka jalo batho ga ba letlelelwe go kgobokana mo lefelong le le lengwe ba feta lesome, ga tlhalosa Rre Tsogwane.

Motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, Rre Phandu Skelemani o tlhalositse gore ka tsamaiso ya Setswana, ‘mafoko a kgosi a agelwa mosako’, ka jalo a dumela gore molaetsa wa ba botsogo o o itebagantseng le go lwantsha corona o tlaa goroga kwa morafeng.

“Fa go bua magosi, theetso e tlaa nna teng, thata le gone,” ga gatelela Rre Skelemani.

Rre Skelemani a re o lemogile bosheng mo ditirong tsa morafe ka go farologana, fa bangwe ba setse ba simolotse go tshegetsa ditaelo tse di beilweng le fa gone batho ba sa utlwele gongwe ka go lebega bangwe ba saletse kwa morago.

“Re batla gore le bolole lotlhe, mapolotiki le magosi le bue le Batswana.”

E rile a lekodisa dikgosi ka seemo sa bolwetse jwa COVID-19, tona wa lephata la botsogo le boitekanelo, Dr Lemogang Kwape a re bokete le bogale jwa segajaja sa COVID-19, bo gomagometsa mehama ya botsogo, itsholelo le itshireletso.

“Marara, mpudi o haretswe, a re itseteleng adimo re thibele mmaba yo.

Mogare wa corona ga o tlhophe malata, o ganyaola fela,” ga tlhalosa Dr Kwape.

Dr Kwapeng a re le fa ba botsogo le boitekanelo ba tsweletse ka go dira dilthatlhobo, ka pabalelo ya Modimo ga go ise go nne le ope yo o tlhomamisistsweng a tsenwe ke mogare mo Botswana, ka jalo mo nakong eno ntlha ya konokono ke thibelo.

“Re malala a laotswe gore ba ba fitlhelwang ba lwala ba thusiwe ba tokafale.

Re tsweletse ka go tlhabolola ditlamelo tsa botsogo go lepalepana le segajaja se,” ga tlhalosa Dr Kwape.

Dr Kwape a re badiredi ba botsogo mo dikgaolong ba filwe maele a go keleka balwetse gore ba kgone go lemoga ba ba supang dikai tsa mogare wa corona.

A re magosi ba tsee boikarabelo jwa go anamisa molaetsa wa itshireletso.

“A re bueng le setshaba gore bana ba rona ba ba kileng ba supa dikai tsa mogare mme go tlhomamisitswe gore ga ba na nao, le ba ba tswang kwa mafatsheng a a amilweng bobe ke mogare wa corona, ba seka ba bifelwa,” ga tlhalosa Dr Kwape.

Modulasetilo wa Ntlo ya Dikgosi, Kgosi Puso wa Batlokwa a re bosele bo sena mahube, ka jalo Batswana ba solofele gore ga ba kake ba kgona go dira ditiro tsa matshelo a bone le tse dingwe ka mokgwa wa tlwaelo.

“Ga se nako ya go bua gore re tlwaetse go dira jaana, ke nako ya go fetola mekgwa ya go dira.

A re ruteng Batswana go tsaya boikarabelo jwa go amogela diphetogo tse di tlang ka mabaka a bolwetse jwa COVID-19,” ga tlhalosa Kgosi Puso.  BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Moshe Galeragwe

Location : GABORONE

Event : Mothusa tona o buisa maloko a Ntlo ya Dikgosi

Date : 26 Mar 2020