Magosi le baruti ba kopiwa go thusa go thibela COVID-19
26 Mar 2020
Mopalamente wa Mahalapye Bophirima, Rre David Tshere o kopile ba bogosi go ema puso nokeng mo go phatlalatseng molaetsa wa thibelo kanamo ya mogare wa COVID-19.
Fa a buisa magosi kwa kgotleng kgolo ya Mahalapye ka Laboraro, Rre Tshere o tlhalositse fa go le botlhokwa gore morafe o nne le kitso e e tlhamaletseng ka dikai le thibelo kanamo ya COVID-19 gore ba kgone ba iphemele mo mogareng oo.
A re setshaba se tshwanetse gape sa rotloediwa go ipabalela ka go sala morago ditaelo le dikitsiso tsotlhe le gone go itekodisa ba botsogo fa ba na le dikai tse di tsamaelanang le tsa mogare oo.
“Re tshwanetse go nna malala a laotswe ka gore ga re eletse gore lefatshe la rona le goroge mo seemong se mafatshe a mangwe a iphitlhelang mo go sone. Ke sone se puso e tshwaraganeng le go rutuntsha setshaba ka go thibela kanamo ya bolwetsi joo,” ga tlatsa Rre Tshere.
Le ntswa mo nakong ya gompieno go sena molwetsi ope wa COVID-19 mo Botswana, Rre Tshere a re seo ga se reye gore go ka tlhajwa kgobe ka mmutlwa ka gore go ka tloga ga nna bonolo gore mogare oo, o goroge mo lefatsheng, mme wa tloga wa anama mo go senang taolo.
Ka jalo, o ne a gwetlha ba bogosi, baruti ga mmogo le morafe go netefatsa gore ba ema puso nokeng mo go anamiseng molaetsa wa thibelo le itshireletso.
A re mo nakong ya gompieno, go diphatsa gore batho ba ikgatholose ditaelo le dikgakololo tsa ba botsogo, a gatelela gore ga se boammaaruri gore mogare wa corona ga o kake wa tsena bana kgotsa batho bantsho.
Rre Tshere o ne gape a etela kokelo ya Moko go ya go bona fa ba ba ka tsenwang ke mogare ba tlaa alafelwang teng.
Moeteledipele wa tsa botsogo wa kgaolo-potlana ya Mahalapye, Dr Maxwell Mungisi o tlhalositse fa dikai tsa COVID-19 di akaretsa mogote o o kwa godimo, go gotlhola, go hema ka bothata le go opiwa ke tlhogo.
Dikai tse, a re di ratile go tshwana le tsa mhikela, ka jalo a gatelela botlhokwa jwa gore motho yo o nang le dikai tseo a ikgolaganye le ba botsogo ka bonako, mme ba seka ba re ba ikisa kwa kokelong.
A re go dira jalo go ka tloga ga anamisa mogare, mme a gatelela gore ope fela yo o nang le dikai tse di tsamaelanang le tsa corona, a leletse ba thuso ya potlako.
Mo godimo ga moo, o gakolotse batho gore ba seka ba nna ka letshogo fa ba ka bona ba na le dikai tsa go nna jalo, a re ba botsogo ke bone fela ba ba ka ba tlhatlhobang ba bo ba ba netefaletsa fa ba na le mogare wa corona.
Go leka go iphemela mo go tsenweng ke mogare oo, a re go botlhokwa gore batho ba tswelele ka go tlhapa diatla ka metsi a a phepa le molora, go ithiba molomo a ba gotlhola le go phepafatsa tikologo ya bone kwa ditirong le kwa malapeng.
O ne a tlatsa gape ka botlhokwa jwa go fokotsa metsamao e e sa tlhokafaleng, bogolo jang ya go tlola melelwane. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Lorato Gaofise
Location : MAHALAPYE
Event : phuthego ya kgotla
Date : 26 Mar 2020