Dikgosi di kopa puso go emisa thekiso ya majalwa a Setswana
26 Mar 2020
Dikgosi tsa metse ya Tswapong di kopile puso go emisa thekiso ya majalwa a Setswana gore lefatshe leno le kgone go itebaganya le go hema go tlhagoga ga COVID-19.
Fa ba akgela kwa bokopanong jo bo neng bo tshwerwe kwa molelwaneng wa Martins Drift ka Laboraro go sekaseka ipaakanyetso tlhagogo ya mogare, Kgosi Jimmy Moremi wa Ngwapa o ne a supa fa a tshwenngwa ke thekiso ya majalwa a Setswana, segolo jang jo bo dirwang ka magapu jwa setopoti, a re bo ka rotloetsa go tsenwa le go anamisa mogare wa bolwetsi jwa COVID-19.
A re majalwa a Setswana a tshwanetse go tswalelwa fela jaaka marekisetso a bojalwa a mangwe go itsa go kgobokana ga batho le go fapaanela dikopi tsa bojalwa.
Kgosi Moremi o ne gape a supa fa a tshwenngwa ke batsadi ba ba sa tlhokomeleng bana mme ba ba tlogela ba tshamekela gongwe le gongwe, a re seo se baya matshelo a bone mo diphatseng.
O ne gape a gakolola banni ba Ngwapa, Mokobeng, Machaneng le Letoreng ba a reng ba tlwaetse go tlola molelwane ba ya Afrika Borwa ba sena dipasa a re se se ka baya batho ba metse eo mo diphatseng tsa go tsenwa ke mogare.
Ka jalo o ne a kopa gore ba molao ba itebaganye le matshwenyego a go tila gore mogare o tsene mo lefatsheng leno.
Fa a tswa la gagwe, Kgosi Theo Selebatso wa Lerala, o ne a kopa gore puso e anamise ditsompelo di tshwana le melora e e tlhapang diatla le e bolayang megare kwa dikgotleng le dikgotlana, kwa e leng gone kwa morafe o yang thata teng go kopa dithuso.
Mookamela lephata la botsogo mo kgaolong ya Serowe/Palapye, Dr Gobusaone Morupisi ene o ne a tlhalosa fa ba botsogo ba le malala a laotswe go lwantshana le go tlhagoga ga mogare wa bolwetsi COVID-19.
Dr Morupisi o ne gape a re ba tshwaragane le mapodisi go bona gore melao e e beilweng ke puso go lwantsha tlhagogo ya mogare e a diragadiwa ka go tsaya botlhe ba ba gorogang go tswa Afrika Borwa ba ba isa kwa lefelong le le faphegileng malatsi a le lesome le bone.
A re ka Labobedi, ba kgonne go isa batho ba le masome mane le borataro mme ba solofetse gore dipalo tseo di oketsege fa molelwane wa Aerika Borwa o tswalwa.
A re mathata a a teng ke bakgweetsi ba dikoloi tse ditona ba ba tlang le ditsala, a re mo seemong sa go nna jalo ga ba letlelele gore ditsala di ka feta le bakgweetsi mme batho ba go nna jalo le bone ba isitswe kwa lefelong le le faphegileng go fitlhelela malatsi a a lesome le bone a wela. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kgotsofalang Botsang
Location : MARTINS DRIFT
Event : Bokopano
Date : 26 Mar 2020