Breaking News

Ba lelela ditiro tsa marekisetso

26 Mar 2020

Mokhanselara wa kgaolwana ya Kgosing/Kubung kwa Maun, Rre Tswelelo Sebati a re ntswa puso e laotse go tswalwa ga marekisetso a dinotagi go itsa kanamo ya mogare wa corona, bangwe ga ba obamele taelo  eo, lebaka legolo e le go fema tatlhegelo ya ditiro.

O ikuetse jalo kwa kgotleng ya Kubung mo phuthegong e e neng e buisiwa ke mopalamente wa Maun bophirima Rre Dumelang Saleshando yo gape e leng moeletedipele wa kganetso kwa palamenteng.

Phuthego e ne e tshwerwe go tsibosa bogogi ka seru sa bolwetse jwa COVID-19 se se wetseng lefatshe ka bophara.

Mopalamente o boloditse letsholo kwa kgaolong ya gagwe go buisana le bogogi jwa dikgotlana le gone go ba rotloetsa go gasa molaetsa wa ipabalelo go hema go anama ga mogare.

Le fa go ntse jalo, Rre Sebati a re morago ga taelo ya puso ya gore marekisetso a dinotagi a tswalwe e le tsela ya go fokotsa kanamo ya mogare wa COVID-19, o ne a tsamaya le kgaolo go lekola seemo mme a lemoga fa beng bangwe ba madirelo ba tsweletse ka go itlhokomolosa taelo eo.

A re ba fitlhetse mo marekisetsong mangwe batho ba thibile mme ya re ba ntsha lefoko la kgakololo, banni bangwe ba ba supa ka monwana gore ba latlhegetswe ke ditiro ka ntlha ya go tswalwa ga dibara.

A re bangwe ba lela sa ga Ragele ka jaana ba tlaa lala ba paletswe ke go duela matlo a phiriso ka ntlha ya go latlhegelwa ke ditiro.

O tlhalositse fa go se maleba gore e re puso e kgathala ka botsogo le matshelo a Batswana, bangwe ba bo ba itlhokomolosa.

Rre Sebati a re batho ba tshwanetse ba tlhaloganya borai jwa COVID-19, a tlatsa ka go re ke ka moo puso e boneng go tshwanela go tla ka methale e e ka fokotsang kanamo e tshwana le go emisa bokopano jwa batho ba le bantsi.

A re e le boeteledipele ba tlhaloganya gore ditaelo dingwe di tlaa ama matshelo a batho mme go botlhokwa gore di amogelwe fela ka jaana botsogo e le konokono.

O boletse fa mo mafatsheng mangwe jaaka Italy batho ba latlhegetswe ke matshelo ka dipalo mme a re seo e tshwanetse ya nna thuto mo bathong gore bolwetse jwa COVID-19 bo borai tota.

Mopalamente Saleshando o ne a gwetlha morafe go tshwaragana le puso mo nakong e e thata e go diragatsa ditaelo.

A re ba seka ba nna le letshogo le le kwa godimo ka se se diragalang kwa mafatsheng a mangwe.

A re se se botlhokwa ke go thibela mogare oo ka ditsela tsotlhe.

O kopile morafe gape go ikgapha mo dipegong tse e seng tsa boammaaruri, bogolo jang tsa maranyane, a re ba ikanye go reetsa diromamowa tsa mo gae ka jaana kgapetsakgapetsa di gasa melaetsa ya ba botsogo ka mogare oo.

Rre Saleshando o boletse fa ba botsogo ba rurifaditse fa mogare oo o sa tsene ka phefo jaaka bangwe ba ne ba supa mo maranyaneng mme a kgothatsa banni go diragatsa se ba se kopiwang ke ba botsogo jaaka go nna mo malwapeng, go tlhapa mabogo ka molora kgapetsakgapetsa le gone go emisa go dumedisana ka mabogo.

O gwetlhile bogogi jwa dikgotlana go gasa molaetsa kwa banning go fema kanamo ya mogare oo. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Esther Mmolai

Location : MAUN

Event : phuthego ya kgotla

Date : 26 Mar 2020