Obamelang melawana ya go thibela coronavirus
25 Mar 2020
Molaodi wa kgaolo-potlana ya Letlhakeng Mme Ikgopoleng Lekoape o kopile Batswana go obamela melawana ya go thibela kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.
E rile a bua mo potsolotsong le BOPA, Mme Lekoape a tlhalosa fa go le mosola gore Batswana ka kakaretso ba reetse ditaelo le go tsaya boikarabelo jwa go rurifatsa gore mogare wa corona ga o kitla o tsena mo lefatsheng la Botswana.
A re puso e tsweletse ka go ntsha melaetsa go kaela setshaba gore ba tshwanetse ba itshwara jang le go dira eng go thibela go tsenwa kana go anamisa bolwetse jo.
Molaodi a re bophepa le botsogo jo bo itumedisang e tshwanetse ya nna konokono le boremelelo jwa Batswana go thibela mogare.
O ne a rotloetsa gore mongwe le mongwe a tlhape diatla ka sebolaya megare kana molora gore diatla di nne di le phepa.
Mme Lekoape a re ba ne ba na le bokopano jwa komiti ya dibetso tsa tlholego e le tsela ya go ipaakanya le go bona gore seemo sa bone ke eng gore ba nne malala a laotswe go thusa ka potlako.
A re ba ne ba nna le sebaka sa go buisana le go arogana megopolo le gone go sekaseka gore seemo ke eng mo nakong ya gompieno.
Molaodi o ne a supa fa go le botlhokwa gore maphata a bereke mmogo le gone go rurifatsa gore ba neela babereki le Batswana botlhe ditlamelo tsa go thibela corona.
A re mo diofising tsa khansele go na le mafelo a melora ya go tlhibela mogare e setseng e beilwe teng, moo e le maiteko a go thusa setshaba.
Mme Lekoape o ne gape a supa fa ba ne ba nna le bokopano le bagwebi mo kgaolong mme ba ba lemotsha mosola wa go obamela go tswalwa ga madirelo.
A re e re ntswa bangwe ba ne ba le bonya go dira jalo, bangwe ba ne ba tswala madirelo jaaka go laotswe, fa ba ba ganang go reetsa ba tlaa tseelwa dikgato ka bonako.
O ne a kopa dishopo go rurifatsa gore melora ya diatla e teng mme e bile ba fokotsa go dirisa madi le mela e e meleele go thibela mogare oo. Molaodi o ne a kopa setshaba go dirisa molora le metsi go phepafatsa diatla tsa bone fa e le gore ga go na melora jaaka go supegile e tlhaela mo marekisetsong.
Mokwaledi wa khansele-potlana ya Letlhakeng Rre Joseph Segopa a re khansele e tsweletse ka go reka melora mme tse dingwe di setse di tsentswe mo diofising ka go farologana gore babereki le morafe ba di dirise.
Rre Segopa a re ba mo thulaganyong ya go dira jalo mo dikoleng tsotlhe tsa kgaolo gore nako e bana ba boelang sekoleng ba fitlhele tsotlhe di le mo tirisong gore ba seka ba amana ka gope le mogare oo.
O ne a tlatsa gape ka go re maphata a puso a tshwanetse a bereka mmogo gore ba kgaogane sepe fela se ba nang le sone.
Mokwaledi wa khansele a re ba tlaa tswelela ka go anamisa melaetsa yotlhe e e amang mogare wa corona gore Batswana botlhe ba tlhaloganye ka fa ba ka itshireletsang ka teng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : Potsolotso
Date : 25 Mar 2020