Breaking News

Ba Letswapo ba a laolesega

25 Mar 2020

Ntswa banni ba motse wa Lecheng le Malaka kwa kgaolong ya Lerala/Maunatlala ba sekegela tsebe ditlhagiso tsa puso mabapi le mogare wa corona, Kgosi Prince Obuseng wa Lecheng a re o tshwenngwa ke batho ba ba tswang kwa ntle ga Lecheng ba ba tlang go itlosa bodutu ka bontsi fa lecheng le le mo motseng.

Kgosi Obuseng o buile jaana mo potsolotsong le BOPA ka Labobedi.

A re ntswa banni ba iphapha le gone go fokotsa mesepele, bogolo jang go ya kwa Palapye kwa ba tsayang ditlamelo ka bontsi teng, o ne a makadiwa ke go utlwa pego gore go ne go na le thologelo ya batho fa lecheng le le mo motseng ka mafelo a beke.

Lefelo le, le ngoka batho ka le nna le tswela metsi, batho ba le etela go itlosa bodutu.

Kgosi a re banni ba Palapye ba tshologela kwa Lecha ka bontsi ka mafelo a beke go tla go itlosa bodutu, selo se a reng se a tshwenya mo nakong ya gompieno e go nang le seemo sa botsogo.

A re ga a kake a letlelela tiragalo eo lekgetho la bobedi, e bile o setse a kopanye le badiragatsa molao go ipapanela go tla go kgalema fa tiragalo eo e ka boelela.

Kgosi o ne a re go tlhabisa ditlhong e bile go ngomola pelo gore e re mokgosi o kuilwe, batho bangwe ba bo ba o itlhokomolosa, a re dikgang tsa kanamo ya mogare ke tsa mongwe le mongwe ga se tsa puso e le yosi.

Kgosi a re fa setshaba se sa eme puso nokeng ka boammaaruri ga go na sepe se se ka kgonagalang, a kgothatsa gore mongwe le mongwe a tsee boikarabelo le go dira tse di maleba mo go tsenyeng letsogo go lwantsha mogare oo ka maatlametlo.

A re tiragalo eo ya mafelo a beke e tlogetsa motse wa bone o sa lebege ke matlakala a meteme le dikhakha.

O ne a re lefelo leo bone e le ba Lecheng ba le tsaya e le lefelo le le faphegileng e bile le tlotlegile.

A re morago ga boikuelo jwa puso, mongwe le mongwe o ikemetse ka dinao go lwantsha seru se se wetseng lefatshe leno.

O ne a supa fa madirelo a a mo motseng wa gagwe a tsibogela dikgang tseo ka go tshela bareki metsi a a bolayang megare mo diatleng fa ba tsena mo madirelong a bone.

“Banni ba Lecheng ke batho ba ba utlwang le go obamela melaetsa e ba e neelwang, segolo jang e e amang botsogo,” Kgosi Obuseng a akgola morafe.

Kwa Malaka gone ba dikgang ba ne ba kopana le mooki gone koo go lekola seemo sa ka fa ba itshireletsang ka teng.

Go gorogeng koo ba ne ba kgatlhantshiwa ke dikupu tsa metsi a a nang le molora le a a itshokotsang pele ga motho a fetela kwa go itekodiseng.

Mme Kelebogile Bakgomogi le modiri ka ene ba ne ba tlhalosa fa ba dira gotlhe mo ba go kgonang go ruta setshaba ka fa mogare o o leng diphatsa ka teng le gone go ba rotloetsa thata go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa.

Mme Bakgomogi a re seo e setse e le tlwaelo ya go tlhapa diatla ka ba ntse ba ne ba setse ba rutuntshitswe ka go tlhapa diatla nako le nako morago ga go dirisa matlwana a boitiketso.

Ba madirelo a boroko le dijo a MLK, gone kwa Malaka ba ne ba supa fa barotloediwa thata ke bajanala ba ba tlang go bona motse le ditso tsa Malaka, mme mo nakong eno kgwebo e wetse tlase ka melelwane e tswetswe.

Mo motseng go ne go le thitibalo, mo mekgwatheng go ne go bonala batho fale le fale, bontsi go lebega ba le kwa masimo le mo malapeng.
Bontsi jwa malapa go beilwe dikupu tsa metsi a a molora go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kitso Simon

Location : LECHENG/MALAKA

Event : Potsolotso

Date : 25 Mar 2020