Breaking News

Bagwebi ba rutintshiwa ka CORONA

25 Mar 2020

Mookamela mapodisi a Tsabong le tikologo  Superintendent  Christopher Tlhapi-David a gakolotse beng ba dikgwebo go lalola seemo sa mogare wa corona.

O gakolotse jaana kwa bokopanong jwa gagwe le beng ba dikgwebo kwa Tsabong ka Mosupologo, jo bo neng bo itebagantse le go itshireletsa kgatlhanong le mogare.

Mogolwane o gakolotse bagwebi le setshaba ka kakaretso go tshwaragana le mapodisi kgatlhanong le ntwa ya go lwantsha kanamo ya corona mo Kgalagadi Borwa ka gantsi dikgwebo di ngoka batho ba bantsi.

Superintendent Tlhapi-David o ne a tlhalosetsa batsena bokopano joo fa ba amogetse molao o o laotseng gore dibara di tswalwe go simologa kgwedi eno e  le masome a mabedi go fitlhelela mo nakong e e tla bolelwang.

O ne a bolela fa mapodisi a setse a le malala a laotswe go dikologa  mo metseng go tlhomamisa gore madirelo a dira se se tshwanetseng.

A re batho mo mabenkeleng, diposo le dibanka ba tshwanetse go itshireletsa gammogo le setshaba  mabapi le mogare  oo ka go katologana ka sekgala sa mmithara go ya kwa go e mebedi fa ba le  mo meleng e bile ba sa fete lesome ka palo mo madirelong le gone go dirisa  setlolo se se bolayang megare.

A re baphuthegi  kwa  kerekeng  ba tshwanetse  go nna lesome fela ka palo, fa kwa marekisetsong a dino le dijo go letlelesega ba le masome a matlhano fela ka palo, a supa fa molao  oo, o sa direlwa go patika le go otlhaya  ope mme ba lephata la botsogo le boitekanelo ba o dirisa go sireletsa setshaba kgatlhanong le segajaja.

Superintendent Tlhapi-David o boletse gore ope yo o tlaa tlolang molalo oo ka go nwa bojalwa  kwa ntle ga madirelo o tlaa  lefisiwa madi a a sa feteng sekete sa dipula.

O boleletse bagwebi gore ba tshwanetse go nna ba le podi matseba ka dinako tsotlhe ka go baya leitlho mo madirelong a bone gore a badiri ba thusa le go tsibosa setshaba  ka thibelo mogare le gore ba potlakele go kopa thuso mo  go ba botsogo fa ba lemoga sengwe mo bareking ba bone gore ba kgone go bona thuso ka bonako.

Rre Tlhapi-David o ne a ba kgothatsa thata go reetsa seromamowa le thelebeshene ka  e le tsone di tsibosang le go gakolola setshaba ka dikgang tse di boammaruri mme ba iphaphe mo go tse di senang  nnete.

E re ka jaana moroto wa o esi o sa ele, mookamela mapodisi o ne a  supa fa ba tlaa tswelela ka go itshwaraganya le  go buisana  le batsaya karolo botlhe ba akaretsa lekgotla la baruti, dikgosi, dikomiti tsa metse, ba  meraka le banni ba metse e e gaufi le melelwane gore e re ka jaana melelwane e tswetse ba seka ba raelesega go tlhaga tereta ka seo se le borai mo go anamiseng  mogare.

Bangwe beng ba madirelo ba ne ba ngongorega ka ditatlhegelo tse di tlaa bakwang mogare o.

Mongwe wa bagwebi Rre Bashin Nsala fa a akgwa mookamela mapodise dikgaba, o ne a supa fa ba itlama go dirisana sentle le mapodisi ka  go obamela  molao le go sala morago ditaelo le dikgakololo  tsa  lephata la botsogo le boitekanenlo ka  seo se ka thusa mo go hemeng kanamo ya mogare. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Cathrine Simane

Location : TSABONG

Event : Bokopano

Date : 25 Mar 2020