Tsogwane o gatelela boikgapho
24 Mar 2020
Batswana ba gakolotswe go tswelela ka go iphapha le go sala morago ditaelo tsa ba botsogo morago mo go tileng kanamo ya mogare wa COVID-19.
Fa a buisa setshaba maabane, Mothusa Tautona Slumber Tsogwane o ne a re morago ga gore mogare wa COVID-19 o aname lefatshe ka bophara, puso e tsere tshwetso ya go emisa mesepele yotlhe ya go etela mafatshe a a bapileng le la Botswana go akaradiwa a Lesotho le eSwatini.
A re mesepele go ya kwa mafatsheng ao jaanong e emisitswe go tloga maabane kwa ntle ga go rorwa ga dithotho tse di botlhokwa.
Rre Tsogwane a re Batswana botlhe le baagedi ba lefatshe leno ba ba gorogang go tswa kwa mafatsheng ao jaanong ba tlaa bewa mo mafelong a a faphegileng malatsi a le lesome le bone go tloga gompieno.
Rre Tsogwane a re mesepele yotlhe go ya le go boa kwa mafatsheng a a tlhasetsweng thata ke bolwetsi jo e kganetswe.
Mafatshe ao ke a a latelang; Austria, Australia, Belgium, Cananada, China, Chechnya, Denmark, France, Germany, Japan, Iran, Italy, Nertherlands, Norway, Portugal, Spain, Sweden, Switzerland, United Kingdom, le United States of America.
A re thulaganyo e, e raya gore batho botlhe ba e seng Batswana, le ba e seng baagedi ba Botswana ba ba tswang kwa mafatsheng ao ga ba na go letlelelwa go tsena mo Botswana ka kgoro epe fela ya molelwane.
O boletse gore Batswana le baagedi ba ba boelang gae go tswa kwa mafatsheng a a amegileng thata ba tlaa tlhaolwa malatsi a le lesome le bone fa ba goroga.
Rre Tsogwane a re go tlaa tswelelwa gape go tswalwa marekisetso a dino le mafelo a dijo a a rekisang dino tagi.
Le fa go ntse jalo, o boletse gore marekisetso a a rekisang dino a di liquor wholesalers le a di bottle store one a tlaa tswelela a bulwa go fitlhelela go itsesiwe fa go na le phetogo.
Dikgato tse tsotlhe le tsone di simologile maabane.
Rre Tsogwane o tsweletse ka go tlhalosa gore morago ga dikgato tse di tserweng ke Afrika Borwa tsa go leka go laola kanamo ya mogare wa COVID-19, Tautona Cyril Ramaphosa o tlhomamiseditse Tautona Masisi gore metsamao ya dithoto le ditirelo tse di botlhwkwa fa gare ga mafatshe oo mabedi ga e na go amega ka gope.
Mothusa Tautona o bile a tsaya sebaka go itsese setshaba gore morago ga go tsaya loeto lwa tshoganetso lwa semmuso bosheng go ya kwa Windhoek, Namibia,
Tautona Dr Mokgweetsi Masisi jaanong o tlhaotswe malatsi a le lesome le bone go simolola Mopitlo a le masome mabedi le bongwe go ya ka Section 25 ya Molao wa 2013 wa botsogo jwa sechaba.
Tautona o ne a ile Namibia go dirisa sebaka seo go kopana le baeteledipele ba bangwe ba mafatshe kwa Windhoek go ngunanguna dikgang tse di amanang le dikgato tse di ka tsewang go itebaganya le segajaja se ke mafatshe a a kopanetseng melelwane le lefatshe leno.
Rre Tsogwane o bile a itsese Batswana fa mmuso o tlaa tswelela ka go baya seemo leitlho le go re fa seemo se ka fetoga, go tlaa tsewa dikgato tse dingwe tse di maleba go sireletsa Batswana le baaagedi ba lefatse leno.
Mo nakong eno lefatshe la Botswana ga le na pego epe ya mongwe yo o tsenweng ke mogare wa corona mme Batswana ba rotloediwa go tsaya melaetsa ya itshiriletso yotlhe ka tlhoaafalo.
O ne gape a gatelela mafoko a ga Tautona a bosheng a gore Batswana ba tshwanetse go nna podi matseba ka jaana mogare o o ka tlhasela lefatshe nako nngwe le nngwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Mmoniemang Motsamai
Location : GABORONE
Event : Puiso setshaba
Date : 24 Mar 2020