Mapodisi a tlhotlhomisa kotsi
24 Mar 2020
Mapodisi a Takatokwane kwa Kweneng a tlhotlhomisa kotsi ya go thulana ga dikoloi e e gapileng botshelo jwa lekawana le le dingwaga tse 35 ya ba ya baka dikgobalo mo bapagaming ba babedi mo tseleng ya Letlhakeng/ Morwamosu ka Matlhatso bosigo.
Mogolwane wa mapodisi a Takatokwane Superintendent Lesedi Godiramang, o tlhalositse fa go thulanye koloi ya teraka le mmotorokara wa Cressida fa masimong a Mokokomadi.
Supt Godiramang a re Cressida e e neng e pegile borre ba le bararo, e ne e ya ntlheng ya Letlhakeng, fa mokgweetsi wa teraka yo o neng a tswela ntlheng ya Morwamosu a ne a le nosi.
Mopalami wa mmotorokara a le mongwe o ne a latlhegelwa ke botshelo, fa bapalami ba bangwe ba ba dingwaga tse 38 le 52 ba ne ba ragosediwa kwa kokelong ya Scottish Livingstone Memorial kwa Molepolole.
O tlhalositse fa rre yo mongwe a ne a alafelwa dikgobalo tse dipotlana a bo a gololwa fa yo mongwe a robaditswe, mme mokgweetsi wa teraka ene a dule a le tshenene.
Ditlhotlhomiso tsa mapodisi di tsweletse go bona se se ka tswang se bakile kotsi.
Supt Godiramang o kopile bakgweetsi go nna kelotlhoko fa ba kgweetsa, bogolo jang bosigo, a bo a ba kopa gore fa ba utlwa letsapa ba itapolose. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Puseletso Kenyaditswe
Location : LETLHAKENG
Event : Kotsi ya dikoloi
Date : 24 Mar 2020