Tswelelang ka go ilela segajaja sa corona
24 Mar 2020
Batswana ba gakolotswe go tswelela ka go ipabalela mo bolwetseng jwa COVID-19, jo bo begilweng mafatshe ka bontsi.
Botswana mo bogompienong ga a ise a nne le dipego tsa ba ba nang le bolwetse mme kgakololo e tona ke bophepa le go sala morago dikgakololo gore batho ba itshole jang go thibela bolwetse.
BURS e tsweletse ka loeto lwa melelwane e e santseng e butswe fa mengwe puso e ne ya tsaya tshwetso go e tswala, go laola metsamao ya batho.
Loeto lo, ke go kanoka ka fa melelwane e ipapanneng ka teng le go bona gore fa go tlhaelang teng go ka thijwa jang go sireletsa Batswana.
Motshwarelela mookamedi wa ditirelo Rre William Nkitseng fa a etetse molelwane wa Ramokgwebana bosheng, o tlhalositse fa e le mongwe wa e e dirisiwang thata.
Rre Nkitseng o boletse fa go tlhagoga ga COVID-19 e le seemo sa tshoganetso se se tlhokang go tsibogelwa ka go tsaya dikgato tse di maleba.
A re ke ka moo puso e ba rebotseng go dikologa le melelwane go tlhomamisa gore tsotlhe di mo maemong a a lolameng le go abelana megopolo.
Rre Nkitseng a re le fa bolwetse bo ise bo nne teng mo Botswana, go botlhokwa gore setshaba se nne malala a laotswe ka dinako tsotlhe le go inaakanya le tsotlhe tse di tlhokwang go kganela kanamo ya bolwetse.
O ne a tsibosa badiri ba maphata a a farologaneng ba ba direlang kwa melelwaneng go netefatsa gore tshireletsego ya bone ke ya maemong a a kwa godimo ka jaana ba amogela batho ba ba gorogang go tswa kwa mafatsheng a sele mme seo se ba baya mo diphatseng tsa go angwa ke bolwetse.
Rre Nkitseng o ba kgothaditse go bereka ba le seopo sengwe, ba tlhomamise gore ba tsutlagana ditsompelo tse di leng teng.
Mongwe wa bagolwane ba BURS, Mme Mama Maite o kopile Batswana go kokobela maikutlo, go sa letlelela letshogo go ba apara mme ba ikanye Modimo.
Mme Maite a re o na le tsholofelo ya gore fa setshaba se ka tswelela ka go itshiretsa, se ka falola bolwetse.
Le fa go ntse jalo, go tlhalositswe fa go na le dikgwetlho dingwe tse di ka holodisang maiteko a go kganela bolwetse jaaka go tsena mo lefatsheng leno ga bangwe ka bokukuntshwane.
Tlhaelo ya metsi mo metseng mengwe le gone kwa molelwaneng wa Ramokgwebana le yone ke nngwe ya tse di tshwenyang.BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Masego Tabengwa
Location : RAMOKGWEBANA
Event : potsolotsong
Date : 24 Mar 2020