Molaetsa mo dintshong o tsena sentle
24 Mar 2020
Go bonala fa dikgakolo tsa thibelo ya mogare wa corona mo dintshong bangwe bangwe ba di sekegela tsebe jaaka fa go itshupile mo dintshong dingwe mafelo a beke kwa Serowe.
BOPA e ne ya tsaya matsapa go bona gore a molaetsa wa puso gore go dirwe jang kwa dintshong, o a goroga.
Kwa losong lo lo neng lo tshwerwe kwa kgotleng ya Maaloso kwa Serowe, go ne go beilwe metsi a a molara kwa kgorong go tlhapisa ba ba tsileng losong diatla.
Batho ba ne ba phatlaletse mo patlelong, go dirisiwa segoagoa gore batsena phitlho ba utlwe melaetsa le thero.
Dinako di ne di obamelwa, dibui di beetswe dioura tse di kwa tlase ga bobedi fa kwa dijong gone le fa go ne go lebega go le thatanyana, go ne go tlhabilwe dikgomo mme go go gabilwe diphiri le ba lolwapa.
Fela jaaka kwa lwapeng, diphiri di ne di beetswe metsi a a nang le molora gore fa ba ntse ga fapaanela digarawe le dipeke, ba tlhape diatla.
Ba ba tswang kgakala go ne go na le thulaganyo ya go ba fa dijo mme ba di paka ka diphuthelwana.
Dibui di ne tsa dira tiro ka Labotlhano kwa lapeng, Matlhatso a bo e ne e le go ya go baya serepa go bo go lebogwa go phatlaladiwa kwa mabitleng go itsa mosuke le go tsaya nako.
Mo potsolosong le malomaagwe moswi, Rre Ontiretse Kenaope a boletse fa ba ne ba gasa molaetsa dinako tsotlhe, go itshireletsa mo mogareng wa corona.
O boletse fa bontsi bo tlhaloganya seemo e bile ba ne ba dira jaaka ba gakololwa.
Ngwana wa mo lwapeng, Rre Tshepho Pusoetsile a boletse fa phitlho e ne e tsamaisiwa ke kereke ya Conference Apostol kwa Serowe e a boletseng e sena tebelelo.
O boletse fa ba dira ka thata kwa kerekeng go gasa molaetsa ka bolwetse jo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : potsolotsong
Date : 24 Mar 2020