Breaking News

Dikereke di obamela tshwetso ka corona

23 Mar 2020

Baruti ba dikereke dingwe kwa Kanye  ba boletse fa ba obamela tshwetso e e tserweng ke puso ya gore fa batho ba phuthegileng teng mo ditirong di akaretsa mafelo a kobamelo  dipalo tsa bone di  seka tsa feta tse di beilweng, seo e le go fokotsa mosuke wa batho ka maiteko a go itepatepanya le go lwantsha go ka anama ga COVID-19.

Mo potsolotsong le BOPA, motshwarelela  modulasetilo wa lekgotla la baruti mo Kanye Mme Vivian Masibi yo e leng bishop kwa Peselema 23 Apostolic Church, o boletse fa go le matshwanedi go sekegela tsebe tshwetso e e tserweng ke puso ya go fokotsa mosuke wa batho mo ditirelong.

Bishop Masibi a re dikereke le tsone di tshwanetse go tsibogela seemo se go sireletsa matshelo a batho.

O tlhalositse gore go rapela ga se fela fa motho a tsene ka kgoro ya kereke, ka jalo batho ba tlhoafalele go rapela mongwe le mongwe fa a teng.

A re go ya kerekeng ke go supa fela gore motho ke mophuthegi le gore go na le bareri ba lefoko.

Bishop Masibi a re go ema ka nakwana motho a sa ye kerekeng ga go reye gore o kgaogane le Modimo, a tlhalosa gore kereke e a obamang kwa go yone e tlaa nama e emisitse tirelo ya tshipi,  mme ba tlaa tswelela ka dithapelo ba le kwa malwapeng.

A re ba dira jaana ba setse morago Setswana se se reng tlotlang kgosi, boifang Modimo, seo e le go sekegela tsebe molaetsa wa ga Tautona Dr Mokgweetsi Masisi.

A re lefatshe leno le filwe kgololesego ya go rapela, mme gone setshaba se tshwanetse go itse gore ba mo  tumelong e e ikaegileng ka molao wa lefatshe.

Fa a tswa la gagwe, modiredi wa tsa tsamaiso ya kereke kwa Rapture of Saints Church (ROSC) kwa Kanye, Rre Kago Seralanyane o tlhalositse gore corona ke seru se se wetseng lefatshe, a tlhalosa fa kereke ya gagwe e tsibogetse kgang eo ka mashetla, selo se a reng se pateleditse moeteledipele go tsaya nako e ntsi ya ditiro tsa gagwe a rapela, le ka nako ya potsolotso e o ne a seo a le ko thapelong.

Rre Seralanyane o tlhalositse fa kereke eo le yone e tsibogetse molaetsa wa  go fokotsa mosuke wa batho mo ditirelong dingwe, ka jaana gone go ka nna ditlhong fa kereke e itlhokomolosa tshwetso eo,

O tlhalositse gore kereke eo  ke phuthego e tona e e nang le palo e ntsi ya batho mme fela ba bone go se maleba go emisa tirelo ya tshipi, a re boeteledipele bo dule ka mogopolo wa gore mo nakong eno tirelo ya tshipi e kgaoganngwe ka ditlhopha tse tharo go fokotsa mosuke.

Rre Seralanyane a re tirelo ya ntlha ya tshipi e tlaa nna ya banana, a tlalosa fa e tlaa tsena ka nako ya boferabobedi go fitlha ka nako ya lesome mo mosong ka jaana maikaelelo e le gore ditirelo di seka tsa tshwarwa go feta di oura tse pedi.

A re tirelo ya bobedi e tlaa nna ya bomme e e tlaa tsenang ka nako ya lesome e fela ka nako ya lesome le bobedi tshokologo, mme ya bofelo e nne ya borre go tswa ka nako ya lesome le bobedi go ema ka ya bobedi tshokologo.

Rre Seralanyane a re go tlaa nna le batho kwa kgorong e e tsenang ka dikago tsa kereke go baya seemo leitlho gore a palo e e tsenang ga e fete e e beilweng.

O tlhalositse gore gape e le kereke eo ba ipapanne ka metsi le molora go tlhapa diatla.

O tlhalositse gore baphuthegi ba kereke eo ba e leng baoki le dingaka ka tiro le bone ba na le seabe sa go tlhomamisa gore itshireletso ya botsogo e a obamelwa kwa kerekeng eo, le go ba thusa go anamisa molaetsa wa ba lephata la botsogo tebang le go lwantsha bolwetse joo le go thibela go ka anama ga jone.

Mokwaledi mogolo wa lekgotla la baruti kwa Kanye, Rre Paul Tsitsi e bile e le moruti wa  Headmountain of God Apostolic Church ene o supile matshwenyego ka dikereke tse di seng mo lekgotleng la baruti a re golo gongwe di tlhaelwa ke molaetsa o o tswang kwa makgotleng a dikereke jaaka la OAIC, Botswana Council of Churches, Evangelical Fellowships of Botswana, ka jalo a kopa dikereke tse di senang kemedi ko makgotleng ao go itsosa, a gatelela gore e re le mororo ba utlwa molaetsa ka seromamowa fa go na le bothata jo bo wetseng lefatshe jaaka jwa corona, ga go a lekana.

Moruti Tsitsi a re nako e go thata go tlhoka dikereke di rapela ka tlhoafalo e seng go ikgogela morago fela ka ntlha ya dipalo.

A re se se botlhokwa ke go tswa ka maano a go fokotsa mosuke, le go obamela nako ya dioura tse pedi mme fela tiro ya Modimo e dirwa.

A re gone ke nnete gore go rapela ga se kwa kerekeng fela, mme mo nakong eno go botlhookwa gore setshaba se tlhome thapelo kwa setlhoeng.

Boraro joo jwa baruti ba kopile baphuthegi ka go farologana gore e re ntswa paseka e tla gangwefela ka ngwaga, le fa e ka ba tlola ngwaga ono seo se seka sa ba utlwisa botlhoko ba tlhaloganye gore ga se go rata ga motho ke ka ntlha ya seemo se ope a neng a sa se solofela. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Kenanao Ntsimane

Location : KANYE

Event : potsolotsong

Date : 23 Mar 2020