Setshaba se tsweletse ka go tsibogela melaetsa
23 Mar 2020
E re ka lefatshe leno ka bophara le apesitswe kobo ka letshoba ke bolwetse jwa COVID-19, Batswana ba tsweletse ka go tsibogela melaetsa e e ntshitsweng ke puso go thibela kanamo ya jone.
Kwa Mogorosi bangwe ba banyalani ba ba neng ba tshwanetse go keteka moletlo ka Matlhatso, ba tlosolositse moletlo oo go ya kwa letsatsing le le iseng le bewe.
Go ya ka motshwarelela molaodi wa kgaolo-potlana ya Serowe Rre Colin Tubego banyalani bao ba setse ba weditse tiro ya pholoso kwa ga molaodi mme ba re ba tlaa rulaganyetsa moletlo wa lenyalo fa bolwetse bo sena go bepa.
O boletse fa banyalani ba tlhalositse fa ba batla go keteka lenyalo ka go laletsa batho ba bantsi mme e bile gape ba batla gore ba sireletse morafe mo segajajeng se.
Rre Tubego a re banyalani ba tsere tshwetso eo ba sena go utlwa melaetsa ka borai jwa bolwetse joo le gore dipalo tsa batho kwa meletlong e tshwana le ya lenyalo e nne selekanyo sa batho ba sa fete lesome.
O tlhalositse fa ba tsweletse ka tiro e tona ya go nyadisa mme fela ga ba patike banyalani gore ba tlosolose meletlo ya bone.
Ka jalo a re ba ba gakolola ka molaetsa o puso e o ntshitseng wa gore ba seka ba feta lesome mo phuthegong epe fela.
Rre Tubego a re e le ba ofisi ya ga molaodi ba tsere tshwetso ya go obamela molaetsa o puso e o ntshitseng e bilevba letlelela palo e e rileng fela go tsena fa kamoreng ya tseiso.
Rre Tubego o ne a tlatsa ka go re ba ba tlaa bong ba le mo lefelong la tseiso ba tlaa bo ba sa letlelelwe go kgotlhagana.
Bolwetse jwa COVID-19 go bolelwa fa bo ne jwa lemogwa kwa China ka 2019 mme dikai tsa jone di tshwana le tsa mhikela.
Dikai ke kgotlholo, go hupela le mogote o o feteletseng, ka jalo go rotloediwa botlhe ba ba supang dikai tseo go itekodisa ba bongaka ka bofefo jo bo kgonagalang. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : Potsolotso
Date : 23 Mar 2020