Batswana ba na le ditumelo tse di farologanyeng ka COVID-19
23 Mar 2020
Ntswa go bonala fa melaetsa ka bolwetse jwa COVID-19 le gore motho o ka itlhokomela jang go bo fema, e goroga kwa setshabeng, bangwe ba supile fa e ba ketefalela, bogolo jang ka mengwe e ba fapaanya le ngwao fa bangwe ba na le ditumelo tsa bone tse di farologaneng tsa gore bolwetsi jo ke bolwetse mang.
Bontsi jwa banni ba Serowe ba ba neng ba botsolotswa ke BOPA bosheng, ba ne ba bolela fa ba utlwile melaetsa ka COVID-19 le gore ba tshwanelwa ke go tsaya dikgato di fe go tila kanamo ya bolwetse mme ba bua dingwe tse di neng tsa supa fa bangwe ba na le ditumelo ka jone.
Mme Janet Gosiame le Mme Kedibonye Mokalane ba tlhalositse fa ba utlwaletse gore bolwetse jwa COVID-19 bo tswa mo go bo kgwathe le ditshwene.
Ba ne ba tlhalosa fa ba utlwaletse gape gore bo tswa kwa mafatsheng a sele mme bo setse bo gorogile kwa Afrika Borwa fa mo lefatsheng leno bo ise bo tsene ope.
Mme Gosiame o ne a supa fa molaetsa o gorogile kwa go ene gore a itlhokomele jang mme a santse a na le ketsaetsego ya gore o tlaa fapaana le ngwao ka a tlwaetse go dumedisa ka letsogo mme molaetsa o ntshitswe gore go seka ga tshwaranwa ka matsogo.
A re go dumedisanya ka matsogo ke ngwao ya batho ba le bantsi mme bangwe ba tsile go e tlola.
O tlhalositse fa go le dingalo gape ka Batswana e le batho ba ba ratang go emana nokeng mo dikgannyeng tsa dintsho le manyalo mme ba tlaa etsaetsega gore ke ba dire jang go fokotsa dipalo tsa batho ba ba tlaa tlang.
O ne a re ba tlaa leka go obamela se puso e se lopang gore ba tile kanamo ya bolwetse jo.
Mme Mokalane ene a re o tlaa sala ditaelo morago go fema bolwetse jo mme o ne a re o mo ketsaetsegong e bile o santse a ipotsa gore a go tsile go kgonagala.
Mme Bogolo Mothoagae o ne a bolela fa bolwetse jwa COVID-19 e le bolwetse jo Modimo a bo dirisang go otlhaya motho.
A re merafe mengwe e ja diphologolo tse di sa tshwanelang go jewa, ka jalo ke kotlhao ya gore go emisiwe go dira jalo.
A re ditshidi tseo di diretswe fela gore di tshele ntleng le go tshwenngwa mme go gakgamatsa go bo bangwe ba di ja.
Mme Mothoagae yo o gwebang ka go rekisa tse di farologaneng di tshwana le ditamati o ne a re o tlaa sala ditaelo tsa go fema go tsenwa ke bolwetse jo.
O ne gape a tlhalosa fa a na le keletso ya go reka tse di tlhokafalang go dirisiwa di tshwana le melemo e e bolayang megare mme a sa di fitlhela kwa marekisetsong ka go na le tlhaelo ya tsone.
A re ntswa bone ba na le kgatlhego ya go tshwaragana le puso go lwantsha segajaja se, o a tshwenyega ka ba ba santseng ba etela mafatshe a a tlhagogetsweng ke bolwetse, a bolela fa puso e tshwanetse e tswale melelwane go thibela ba ba tswang le ba ba tsenang mo lefatsheng leno.
Mme Mojwadi Mokgachane le Rre Isaac Kaisara bone ba re ba dumela fa bolwetse jo bo dirilwe ke mongwe a batla go ikhumisa ka jone a rekisa kalafi ya jone.
Ba re gape ba dumela fa bolwetse jwa COVID-19 e le tsela nngwe ya go fokotsa palo ya batho e kwa mafatsheng a mangwe e leng ntsi.
Go netefatsa fa ba itse tse motho a tshwanetseng go di dira, bobedi bo ne jwa supa fa ba na le kitso, jaaka go tlhapa diatla ka molora ba bo ba dirisa dibolayamegare fa go sena metsi gautshwane.
Mme Mokgachane, mogwebi wa dipalamo tsa setshaba kwa Serowe o ne a supa fa ba dirisa dibolayamegare mo bapagaming mme go le dingalo ka ba sa kgone go bula phatlha fa gare ga bapalami fa e se matlhabaphefo fela go leka go fema kamano ya bolwetse jo.
Le fa go ntse jalo puso e tsweletse ka go anamisa melaetsa go hema go tsenwa le gone go ka anamisa mogare wa corona, ke ka moo dikole di tswetsweng. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : SEROWE
Event : potsolotso
Date : 23 Mar 2020