Breaking News

Covid 19 e hupetsa dikgwebo-potlana

23 Mar 2020

Jaaka lefatshe ka bophara le tsweletse ka go ikutlwela manokonoko a mogare wa Covid-19, beng ba dikgwebo tse di potlana le bone ba iphitlhela ba le fa gare ga naka tsa nare ka ntlha ya kwelo-tlase ya letseno.

Bagwebi ba mo mebileng mo Serowe, ke bangwe ba ba sa tlholeng ba boelwa mo go kalo.

Bangwe ba bone ba setse jaanong ba babalelwa mo e bileng ba dumela fa e tlaa re kgabagare ba tsholetse mabogo ba ineele ka go sa tlhole go na le nko e e tswang lemina.

Mme Tsholofelo Gareobone o kaile mo potsolotsong bosheng gore fa e sale dipego ka mogare oo le go anama ga one di ya magoletsa, dikgwebo tsa bone di latlhegetswe that ka ntlha ya theko e e kwa tlase.

Seemo se, a re se setse se pateletsa bontsi jwa bone go latlha segolo jang merogo le ditamati ka di a bo di senyegile ka ntlha ya go tlhoka theko.

A re fa e sale go buiwa thata ka mogare, bareki ba ikanya marekisetso a matona.

Mme Gareobone a re pelaelo ke gore bareki ba ka tswa ba dumela fa dithoto tsa bone, segolo jang dijo, di sa sireletsega e bile di ka ba baya mo diphatseng tsa go ka tsenwa ke mogare ka jaana ba direla mo patlelong.

Go sale foo, Mme Gareobone o ntshitse ngongora ka bareki ba ba sa dirisanyeng le bagwebi ba ba botlana sentle fa go tla mo kgannyeng ya kgakololo ya ba botsogo ya gore batho ba tlogele sekgala sa mmithara go ya kwa go tse pedi mo gare ga bone.

A re go na le bareki ba e a reng ba kopiwa go katoga morekisi go tlhomamisa pabalesego ya bone boo-babedi ba kgopisege ba tsaya gore morekisi o a ba bifela kana o akanya fa ba na le mogare.

A re gangwe le gape o nna a kopa bareki go tsamaya fela fa ba fetsa go reka go rurifatsa gore ope mo gareng ga moreki le morekisi ga a fetisetse mogare mo go yo mongwe fa mongwe a ka tshokane a na nao.

Mo tekanyetsong ya dipalo tsa batho mo dikokoanong ka go farologana, ga mmogo le mo go reng morafe o seka wa fepiwa ka dijo kwa dintshong, Mme Gareobone o akgotse puso a re le fa gone go tlaa nna bokete mo bathong go go diragatsa, fa batho ba ka tshegetsa ditaelo tseo mogare o ka seke o aname ka bofefo fa go ka diragala gore o tlhagoge.

“Ditiro di tshwana le manyalo ga di tshwenye mo go kalo ka batho ba ka nama ba di emisitse; mathata ke loso ka lone ga lo laolwe ke motho. Mme fela go botlhokwa gore re le batho re dire jaaka fa puso e laotse, le tsone diphetogo tse di tsileng tse re ka felela re di tlwaela,” a tshwaela jalo a wetsa.

Yo mongwe mogwebi, Mme Lorato Letshwenyo, o iteetse puso legofi ka ditselana tse e di tlhomileng bosheng tsa go leka go hema tlhagogo ya mogare oo mo lefatsheng leno.

O ikuetse mo tshabeng go ikemela ka dinao ka bongwe ka bongwe go tlhomamisa gore maiteko a puso e a dirileng ga a wele fa fatshe.

Mme Letshwenyo a re batho ba tshwanetse ba lemoga fa maikaelelo a puso e se go ba kgokgontsha le go ba itsa phuthologo e ba ntseng ba e tlwaetse, mme e le go ba dibela.

Mo go reng ene o dirang go itisa kgatlhanong le go ka angwa ke mogare oo, o boletse fa a tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi le molora, segolo jang fa a tshwara merogo e a e rekisang.

Le fa gone bangwe bagwebi ba ba botlana ba ngongorega ka go tlhaela kitso ka mogare o, bangwe ba gatetse pele ka go leka go dira jaaka puso e gakolotse.

Bakgweetsi bangwe ba dipalamo tsa setshaba mo Serowe ba ipapanne ka mabotlolo a metswako e e bolayang megare mme ba tlhapisa bapalami mabogo pele ga ba tsena mo dikoloing, ba bo gape ba nne ba gasagase metswako eo mo mehubung ya ditswalo tsa dikoloi. BOKHUTLO

Source : BOPA

Author : Keonee Kealeboga

Location : SEROWE

Event : potsolotso

Date : 23 Mar 2020