Borukutlhi bo bepile kwa Sehunou
22 Mar 2020
Le fa mo dingwageng tse di mmalwa tse di fetileng go ne go sena ledula kwa Sehunou ka ntlha ya borukutlhi, motse oo jaanong o simolotse go robalelwa ke ditlhokwa.
Kgosi Madala Gabagopolwe o boletse mo potsolotsong bosheng fa seemo sa borukutlhi jo bo akaretsang dipolaano se sa tlhole se tshwenya mo go kalo.
Phetogo e kgolo e, a re a bakilwe ke go okediwa ga mapodisi mo motseng go tswa kwa lepodising le le lengwe go ya kwa go a le mararo, ga mmogo le go dira ka natla ga baithaopi ba twantsho borukutlhi ba lenaneo la cluster policing.
A re fa e sa le mapodisi ba simolola go nna ba tsamaa mo motseng ba tlhola seemo mme e bile ba eta ba gapa dibetsa le sepe se se ka nnang borai mo banning, go nnile le phetogo tebang le borukutlhi.
Kgosi Gabagopolwe a re seemo se kile sa bo se dule mo taolong, batho ba bolaana bosetlhogo mo nngweng ya ditiragalo tseo ya 2018, bangwe ba ne ba itseela molao mo diatleng ba bolaya rre mongwe yo o neng a le mmelaelwa mo polaong ya bana ba le babedi.
Se se neng se tsitsibanya mmele ka tiragalo eo a re e nnile gore rre yoo a bo a ne a bolaelwa mo kgotleng ya motse kwa a neng a tshabetse teng fa morafe o mo tsogologela.
“Go kile ga bo go tshosa. Ke ne ke kgona go tsosiwa ke batho gare ga bosigo ba tlhasetswe ba bo ba siela kwa ga me, mme le nna ke tlhoke go itse gore nka ba thusa jang. Le nna botshelo jwa me bo ne bo le mo diphatseng,” a tlhalosa jalo.
Kgosi o kaile fa sengwe se se thusitseng gore dilo di ye meriting kwa Sehunou e le go kopana ga gagwe kgapetsakgapetsa le baapei le barekisi ba majalwa a a direlwang mo malwapeng, a supa fa gangwe le gape a ne a tshwaraganela dipitso tsa mothale oo le mapodisi le ba-na-le seabe ba bangwe, maikaelelo magolo e le go rotloetsa go tshegediwa ga molao wa thekiso ya bojalwa.
Kgosi Gabagopolwe a re le fa gone maidi a santse a le teng mo motseng, maitsholo a banni ka kakaretso a tokafetse.
A re mo dinakong tsa maloba banana ke bone ba segolo bogolo ba neng ba sa itsee sentle e bile ba ne ba amega ka bontsi mo go tloleng molao.
Mo dikgannyeng di sele, Kgosi Gabagopolwe o ne a supa go sa itumeleleng seemo sa kgotla ya gagwe, a bolela fa ofisi e ranyegile e bile go sa sireletsega go tswelela batho ba direla mo go yone.
A re keletso ya gagwe ke gore kgotla ya Sehunou e akarediwe mo kabong ya madi a setshaba e e latelang, a supa fa go le matshwanedi gore kgotla e nne le selebego se se kgatlhang ka e le motheo o o botlhokwa wa motse. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Keonee Kealeboga
Location : SEHUNOU
Event : Potsolotso
Date : 22 Mar 2020