Baruti ba itlama go anamisa molaetsa wa Corona
22 Mar 2020
Moruti Tlholego Keboifile wa kereke ya Holiness Union e bile e le modulasetilo wa lekgotla la baruti kwa Selebi Phikwe a re mogare wa corona o amile ditirelo tsa dikereke, ka jalo se se tlhoka gore dikereke di eme ba botsogo nokeng go ritibatsa seemo.
Mo potsolosong le BOPA bosheng mabapi le tlhagogo ya mogare wa corona, Moruti Keboifile a re baruti ba na le seabe se setona mo go thuseng puso go tsamaisa ditiro tsa yone tsa tsatsi le letsatsi.
O ne a tlhalosa fa mogare wa corona e le leroborobo le le tlhasetseng lefatshe ka bophara mme go tlhoka tshwaragano le tirisano mmogo e e kwa godimo go setswe ditaelo tsa botsogo morago.
Moruti Keboifile a re go tsibogela seo e ne ya re mo bekeng e e fetileng lekgotla la baruti la kopana, maikaelelo e le go tsibogela ditaelo tsa ba botsogo go bona gore ba ka gorosa melaetsa jang kwa diphuthegong tsa bone.
O ne a supa fa kgang kgolo ya kereke e le tumelo e e bakang kokoano ya batho kwa ba neelanang dikgothatso teng mme kwa ntle ga seo e ka seke se kgonagale.
E rile a itebaganya le paseka a supa fa e le nako e ba kopanang ka yone go ntshafatsa ditsamaiso tsa kereke.
O ne a supa fa kereke e ikaegile ka meneelo le di-tsa bosome mme tseo tsotlhe di dirwa kwa kerekeng, a supa fa se le sone se baya dikereke ka fa mosing ka go sena kwa di tlaa bonang madi teng.
A re le fa go ntse jalo ba setse ba tlosolositse bontsi jwa ditirelo.
Yo mongwe moruti wa Bible Life Ministries Bishop Godwin Samuel o ne a supa fa le bone ba ipapanne go gasa molaetsa wa corona.
Bishop Samuel o supile fa ba ne ba laletsa ba lephata la botsogo makgetho a le mabedi go tla go ruta phuthego ka mogare oo le ka fa ba tshwanetseng go itlhokomela ka teng.
O ne a supa fa ditshwetso dingwe tse di tserweng ke puso di le bokete jaaka e e amang dintsho, a supa fa e le nako e go a bong go le thata mme ba ba tlhokafaletsweng ba tlhoka go gomodiwa.
Le fa go ntse jalo o supile fa go sena se se ka dirwang ka bolwetse jone bo tshwanelwa ke go lwantshiwa.
Mo mafokong a gagwe a bofelo Bishop Samuel o ne a kgothatsa setshaba go emisa go etela kwa mafelong a a amegileng le go fokotsa metsamao e e seng botlhokwa.
Moruti Gagobotswe Marumo wa Jerusalem Zion Church a re le bone ba semeletse ka go anamisa molaetsa mo setshabeng ka mogare wa corona.
Moruti Marumo a re ba bone go le botlhokwa go tsamaya ba ruta batho ka mogare, bogolo jang mo mafelong a a ngokang batho ba bantsi jaaka marekisetso a bojalwa.
O ne a kgala dikereke tse di santseng di ganeletse mo ngwaong ya segololgolo, a supa fa ba tshwanetse go emisa go dira jalo ka dipaka di fetogile le malwetse a le mantsi.
Le fa go ntse jalo, e ne ya re mo malatsing a a fetileng puso ya ntsha melaetsa mabapi le mogare wa corona go tsibosa setshaba ka fa ba tshwanetseng go itshwara ka teng.
Molaetsa mogolo wa ba botsogo ke go tlhapa diatla kgapetsakgapetsa ka metsi a a nang le molora le go fokotsa mesepele ka seo se tsamaisa mogare ka bofefo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Gaboselwe Olesitse
Location : SELEBI PHIKWE
Event : potsolotso
Date : 22 Mar 2020