Monna o atlholetswe kgolegelo mabapi le bogodu jwa leruo
22 Mar 2020
Lekawana la kgotla ya Moeti kwa Maun Lesego Gabatwaelwe yo o dingwaga tse di masome a mararo le botlhano o atlholetswe dingwaga tse tlhano mo kgolegelong mabapi le bogodu jwa leruo.
Fa a ntsha kotlhao eo kwa Maun bosheng, Mmakaseterata Keneilwe Kgwadi o ne a re lekgotla le rurifaditse fa Gabatwaelwe a ne a utswa dipodi tse pedi tsa ga Rre
Gaongalelwe Sefo wa kgotla ya Moeti, tse di lopang P2 800 ka Hirikgong ngwagatlola.
Mmakasetarata Kgwadi o supile fa mosekisiwa a sale mo dingwageng tsa bonana tsa go ka ikaga.
O bile gape a supa fa lekgotla le tsere tsia gore ke la ntlha mosekisiwa a nna le molato o o tsisitsweng fa pele ga lekgotla.
Le fa go ntse jalo, Mmakaseterata Kgwadi o ne a re molato wa bogodu jwa leruo ke molato o o lebanweng ke go pantitelwa dingwaga tse tlhano go ya go tse some ke ba ba dirang molato la ntlha.
Ka jalo a re o atlhola Gabatwaelwe dingwaga tse tlhano mo kgolegelong tse di tlaa balwang go simolola ka Phatwe ngogola fa a ne a tsena mo kgolegelong.
Mmakaseterata Kgwadi o ne gape a atlhola gore podi e nngwe e e tshelang e busediwe mong wa yone.
E ne ya re a ipobola, Gabatwaelwe a supa fa a na le bana le leruo mo tlhokomelong ya gagwe.
O ne gape a supa fa a sa bereke e bile a re o kopa go fiwa kotlhao e e kwa tlase ka a sa dumele fa e le boammaaruri gore o dirile molato oo. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kedirebofe Pelontle
Location : MAUN
Event : Katlholo
Date : 22 Mar 2020