Batho ba dirisana sentle le lephata la mesepele
22 Mar 2020
Mogolwane wa lephata la mesepele la dipasa kwa Serowe, Mme Patricia Masasa a re mosuke mo diofising tsa bone o fokotsegile le tirisano mmogo ke ya maemo a a kwa godimo.
Se se tla morago ga dikgakokolo tse di ntshitsweng ke puso gore setshaba se itlhokomele mo bolwetseng jwa COVID-19.
Mme Masasa o boleletse BOPA ka Labone fa mosuke e ntse e le o o boitshegang kwa diofising mo le phefo e neng e sa utlwale.
A re morafe o tsere ka tsoo-pedi dikgakololo gore ba itshole jang go thibela mogare.
O boletse fa go ne go tlala go ba go penologa ke batswakwa, bogolo jang bajanala mme le beng-gae.
A re e rile fa dipego di tswa gore mogare wa corona ga o batle fa batho ba kgotlhaganeng teng, morafe wa tsiboga, ba ba tsileng go kopa thuso ba fana sebaka sa gore go thusiwe ba bangwe, fa ba fetsa ba a tsamaya go tsena ba bangwe.
Mme Masasa a re molaetsa ga o a wela mo lekgarapaneng ka e a re le fa batho ba tsere dikgang, ba bo ba ntse ba bua ka bolwetse.
A re mo ofising ya bone go na le thelebishene e e tsibosang ka itshireletso mo bolwetseng jwa COVID-19, mo e a reng fa morafe o ntse o thusiwa, ba bo ba ntse ba amogela molaetsa.
Mme Masasa o supile fa ba tlhaelelwa ke didirisiwa tsa itshireletso jaaka diatlana, dibipa melomo le metsinyana a a bolayang megare.
O boletse fa ba ofisi ya ga molaodi le ba botsogo ba ba eme nokeng ka go gasa molaetsa.
Kwa ofising ya Omang kwa Serowe, Rre Koketso Moeng o boletse fa ba laola mosuke, ba thusa batho ka go ba kgaola.
Ba ba tsileng go kopa thuso a re ba nna kwa ntle ga ofisi ba katologane mme ba tsene ka bongwe ka bongwe.
A re ba ba folosang manyalo le bone ga ba tsene ka mogoro. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Tshiamiso Mosetlha
Location : SEROWE
Event : potsolotsong
Date : 22 Mar 2020



