Breaking News

Banni ba lebogela tsiboso ka bolwetse

19 Mar 2020

Banni ba Hukuntsi kwa kgaolong ya Kgalagadi ba lebogetse bagolwane ba kokelo e potlana kwa motseng oo go ba tlhagisa ka segajajaja  sa COVID-19.

Mothusa kgosi wa Hukuntsi, Kgosi Molaodi Leipego, a re badiri ba botsogo ga ba ise ba ipone tsapa go ruta morafe ka bodiphatsa jwa bolwetse jo le ka fa ba ka itshireletsang ka teng.

O ne a gwetlha badiri go tswelela ka go ralala kgaolo, segolo bogolo kwa metseng e e kgakala le ditlamelo.

O ne a kopa banni go tshwaragana le puso ka go obamela ditaelo gore maiteko a go thibela bolwetse a seka a folotsa.

Kgosi Leipego o ne gape a kgothatsa dikereke go tswelela ka go rapela gore seemo se fele ka jaana kanamo ya bolwetse jo e ka tsisa ditlamorago tse di maswe jaaka go phutlhamisa itsholelo.

Fa a tswa la gagwe, mooki, Rre Phillip Kobue, o ne a tlhalosetsa morafe fa bolwetse jo e le jwa losika lwa mohikela.

Bo simologile kwa lefatsheng la China ngogola ka kgwedi ya Sedimonthole, mme bo tsweletse ka go anama lefatshe ka bophara.

Rre Kobue a re ka lesego bolwetse jo, ga bo ise bo tlhagoge mo lefatshe leno le ntswa bo setse bo tsene kwa mafatsheng aa mabapi a Aferika Borwa le Namibia.

A re lefatshe leno le eme sentle go thibela kanamo ya bolwetse joo, a supa fa puso e tsere tshwetso ya go emisa ditirelo dingwe tse di ka nnang botlhabetsi jaaka go tswalwa ga melelwane mengwe, mme a supa fa go sa neelwa tshwene marapo, ka jaana go tlhomilwe a lekana la botsogo kwa melelwaneng mengwe go tlhatlhoba botlhe ba ba tsenang mo lefatsheng leno.

Rre Kobue a re go sikilwe mafelo a a faphegileng fa go ka tshogana go nna le bangwe ba ba ka supang dikai tsa bolwetse jo.

A re dikai tsa bolwetse jwa COVID-19 ke mogote o o kwa godimo, go gotlhola, go hema ka bothata, letsapa le le feteletseng le gone go opiwa ke tlhogo, mme a re yo o ka bonang dikai tseo, a ikgolaganye le ba botsogo ka bofefo.

Rre Kobue o ne a gwetlha banni go rotloetsa bophepa ka go tlhapa diatla ka molora, go fokotsa mesepele kwa mafelong a amegileng le gone go fokotsa go kgobokana ka dipalo tse di fetang masome a matlhano.

O ne a ba tsibosa fa ngwao e tsile go amiwa ke mengwe ya melao ya itshireletso jaaka go apaya kwa dintshong le gone go dumedisana ka diatla, ka jalo a ba gwetlha go amogela seemo go fitlhelela seemo sa bolwetse se kokobela.

Mogolwane wa botsogo, Rre Bagogi Chibona, o ne a tlhalosa fa COVID-19 e sa tsamae ka phefo, mme bo anama ka dieledi. O tlhalositse fa bo ka tsena yo mongwe ka go ethimola motho a sa thiba molomo kana nko le fa motho a ka amana le didirisiwa kgotsa diatla tse di kgotlelesegileng.

Mo go tse dingwe, Rre Chibona o ne a gwetlha setshaba go nna podi matseba gore ba amogela dikgang tsa mohuta ofe ka kanamo ya bolwetse jo, a supa fa ba lemoga gore metswedi mengwe ya dikgang e gatisa dikgang tse di senang boammaruri.

O ne a ba gwetlha go reetsa dikitsiso tse di tlhomamisitsweng go tswa kwa lephateng la botsogo tse di begiwang mo thelebishining ya setshaba, pampiri ya dikgang ya DailyNews le seromamowa sa Botswana. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Malebogo Lekula

Location : Hukuntsi

Event : Potsolotso

Date : 19 Mar 2020