A botlhe ba tseye boikarabelo
18 Mar 2020
Modulasetilo wa khansele potlana ya Letlhakeng o kopile banni ba Letlhakeng go reetsa ditaelo tsa lephata la botsogo le go tsaya boikarabelo jwa go thibela kanano ya mogare wa corona.
Rre Meshack Tshenyego a re Batswana ba tshwanetse go itse fa mogare oo o le borai ebile o anama ka bonako jaaka go setse go itshupile mo mafatsheng a mangwe.
A re go botlhokwa gore Batswana ba reetse se puso e se ba laelang go thibela ditlamorago.
A re go maleba gore puso e tseye kgato ka gore bolwetse jo jwa COVID-19 bo setse bo kailwe ke lekgotla la botsogo la ditshaba-tshaba la WHO fa e le segajaja. O ne a gatelela kgang ya gore bokopano bope fela jo batho ba bo dumalaneng bo tshwanetse jwa tlosolosiwa go fitlhelela seemo se boela mannong.
Rre Tshenyego a re diphuthego tse ba neng ba eleditse go di tshwara mo kgaolong ya gagwe ga di na go nna teng ka e bile khansele ya Kweneng le yone e ne ya emisa phuthego ya yone.
A re se ke kgato ya go lwantsha le go emisa kanamo ya mogare, mme e bile puso jaanong e ntshitse mokwalo o o laolang gore mediro le ditiro ka go farologana di ya go dirwa ka tsela e e ntseng jang.
Rre Tshenyego, yo gape e leng mokhanselara wa Mantshwabisi, a re o itse sentle gore batlhophi ba kgona go ngongorega gore jaanong ba ile kae e sale ba tlhophiwa go tsena mo pusong.
Ka jalo o ne ba kgothatsa gore ba seka ba fela pelo ka seemo se tlaa siama mme ba kgone go tla go ba lekola le gone go utlwa dilelo le matlhoki a bone.
Ditiro ka bontsi mo Botswana le lefatshe ka bophara di tsweletse ka go tlosolosiwa jaaka metshameko, mediro, bokopano, metsamao fa gare ga mafatshe a a amegileng le tse dingwe tse di ka anamisang mogare oo.
Molaodi wa kgaolo ya Letlhakeng, Mme Ikgopoleng Lekoape ene o ne a bolela fa ba tlosolosa bokopano jwa go isa ditlamelo kwa bathong.
Mme Lekoape a re go tlaa bo go sa siama gore e re puso e gakolola gore setshaba se itshireletse jang, bone ba bo ba tswelela ka diphuthego tseo.
A re ka jalo ba tlaa ema pele go fitlhela seemo se boela mannong mme ba akanye gore ba dira bokopano joo leng gape.
O ne gape a kopa maphata go nna malala-a-laotswe gore sepe se se ka diragalang ba bo ba ikemiseditse go thusa ka fa ba ka kgonang ka teng, bogolo jang ba lephata la botsogo.
Bolwetse jwa COVID-19 jo bo simolotseng kwa lefatsheng la China bo setse bo aname le mafatshe a mantsi mme batho ba latlhegetswe ke matshelo ka dipalopalo.
Lefatshe la Aferika Borwa le lone le setse le amilwe ke bolwetse jo mme dipalo tsa jone di gola letsatsi le letsatsi ka jalo Batswana ba kopiwa go fokotsa mosepele wa go ya koo mme e bile seo se patikile lefatshe la Botswana le Aferika Borwa go tswala melelwane mengwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Booster Mogapi
Location : LETLHAKENG
Event : POTSOLOTSO
Date : 18 Mar 2020