Dikereke di itlama go tsaya kgato kwa Mochudi
18 Mar 2020
Baruti ba dikereke ka go farologana kwa Mochudi ba dumalane go ema nokeng maiteko a puso a go fokotsa kanamo ya bolwetse jwa COVID-19.
Baruti ba ne ba dira tsholofetso e kwa bokopanong jwa boeteledipele jwa diphuthego tsa dikereke kwa Mochudi bosheng.
Bokopano bo ne bo rularantswe ke modulasetilo wa khansele ya Kgatleng, Rre Daniel Molokwe.
O ne a kopa boeteledipele jwa dikereke go nna lentswe la puso ka go netefatsa gore melaetsa e e maleba e amogelwa ke diphuthego.
O supile gore khansele ya Kgatleng le yone fela jalo e amogetse le go tsaya dikgato tsa tshoganetso ka go emisa bokopano bope jwa kgaolo jo boneng bo rulagantswe jaaka phuthego ya khansele, e e neng e tshwanela go simolola ka Mosupologo oo tlang.
“A re tseyeng boikarabelo jo bo maleba ka go tlhomamisa go dira tse di tshwanetseng go ipabalela le go babalela setshaba kgatlhanong le bolwetse jo ka go tsaya tsia dikgakololo jaaka fa di tla,” Modulasetilo Molokwe a gakolola.
Moemedi wa ba botsogo, Dr Motlalepula Pone, wa Kgatleng District Health Management Team (DHMT) a re Botswana o dira ka natla go betla methale ya go hema kanamo ya mogare, ntlha e a reng e ka kgonega ka boikarabelo jwa botlhe.
Dr Pone a re seemo se ke sa tshoganetso, mme e bile mafatshe a se tsibogetse ka mashetla, ka jalo go botlhokwa gore lefatshe leno le batho ba lone ba tseye karolo go se hema.
Moruti wa Dutch Reformed Church, Reverend Jimmy Phale, o lebogetse dikgato tsa go supa boikarabelo ka melaetsa e e maleba, ka jalo a supa fa go saletse dikereke go ntsha lefoko mabapi le diphuthego tsa dikereke jaaka paseka.
Moemedi wa Bible Life Ministries, Rre Thabo Linchwe, o gakolotse ka bodiphatsa jwa melaetsa e e tsietsang mo maranyaneng ka e na le bokgoni jwa go timetsa setshaba.
A re go lemosegile mo lebakeng le fetileng gore batho ba ne ba seka ba tsaya ka tlhwaafalo dikgakolo tsa ba bongaka ka seemo sa HIV/AIDS, ntlha e e neng ya baka kanamo ya mogare le go ama itsholelo ya mafatshe.
“A re tseyeng ka tlhwaafalo dikgakolo ka mogare wa corona go ya ka boitseanape jwa ba lephata la botsogo le boitekanelo go boloka matshelo a setshaba ka go tsaya ka tlhwaafalo melaetsa e e maleba ka go lemoga fa mpuru a faretswe,” ga gakolola Rre Linchwe. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Kebaeditse Baitlotli
Location : Mochudi
Event : Bokopano
Date : 18 Mar 2020