Botswana a tsaya kgato go thibela COVID-19
18 Mar 2020
Ofisi ya ga Tautona ya re puso e tsweletse ka go ela tlhoko go tlhagoga le kanamo ya mogare wa corona.
Pego ee ntshitsweng ke ofisi eo, e tlhalosa gore lephata la mafatshe fatshe la botsogo jwa setshaba (WHO) le supa fa COVD-19 e le segajaja.
Mo maikaelelong a go thibela kamano le go anama ga mogare wa corona mo Botswana, puso e dirisa molawana wa botsogo jwa setshaba (Public Health Act of 2013).
Tshetlana ya ntlha e itebagantse le go iletsa motsamao wa batho ba ba tswang kwa mafatsheng a amilweng thata ke COVID-19.
Ka jalo baeti ba ba tswang kwa mafatsheng a China, Japan, South Korea, Iran, USA, UK, Austria, Belgium, Denmark, France, Germany, Italy, Netherlands, Norway, Spain, Sweden, Swirtzerland le India ba ilediwa go tsena mo Botswana.
Pego e tlhalosa gore Batswana ba ba tswang kwa mafatsheng a amilweng thata ke mogare wa corona ba patelesega go bewa mo mafelong a faphegileng ba le ka fa tlase ga tlhokomelo ya ba botsogo sebaka sa malatsi a le lesome le bone go tlhomamisa gore ga ba na mogare.
Tsiboso e, e tswelela e tlhalosa gore go ntshiwa ga diteseletso tsa mesepele kwa mafelong a bogorogelo le diofisi tsa boemedi jwa mafatshe a sele go emisitswe ka ponyo ya leitlho.
Ba ba filweng diteseletso tsa mesepele tsa mofuta o (visas) le bone ba itsisitswe gore diteseletso tseo di phimotswe go fitlha mo lebakeng le le tlaa tlhalosiwang.
Maeto a badiredi ba puso, le ba makalana ka go farologana a e leng a puso le one a emisitswe.
Tsetlana ya bobedi ya e itebagantse le mediro kgotsa meletlo.
Ofisi ya ga Tautona e tlhalosa gore setshaba ga se letlelelwe go kokoana mo ditirong tsa setshaba di akaretsa mekgatlho ya sedumedi, metshameko, diphuthego, mekete ya manyalo, mafelo a go rekisiwang nnotagi, maitiso a mmino, meletlo ya boitumelo le mafelo a itloso bodutu ka dipalo tse di fetang lekgolo mo sebakeng sa malatsi a le masome mararo.
Setshaba se itsisitswe gape go tila go amana thata ga mogare wa corona, ka jalo ba arogane ka sekgala sa mmethara kgotsa tse pedi.
Mo mafelong a mangwe a setshaba jaaka mapalamelo a dipalamo tsa setshaba, mafelo a rekisang dijo tse di apeilweng, marekisetso ka go farologana, mafelo a rekisang melemo, diposo, diofisi tsa puso tse di ntshang ditirelo di akaretsa tsa mesepele, omanag le diofisi tsa sepodisi le dintsho, setshaba se ilediwa go kokoana ka dipalo tse di fetang masome a matlhano.
Batho ka bongwe ka bongwe ba ba nang le dikai tsa go gotlhola, go sitwa kana botlhoko jwa mometso, mme ba kile ba amana le bangwe ba ba kileng ba tsaya mesepele, ba gakololwa go ikgolaganya le Lepahata la Botsogo le Boitekanelo mo megaleng ya 997, 3632756, 3632757 le 3632773.
Ba ba supang dikai tse, ba gakololwa gape go ikgapha mo go diriseng dipalamo tsa setshaba. Ba ba dirisang dipalamo tsa bone kgotsa ba tsamaya ka dinao, ba gakololwa go tsibosa ba botsogo fa ba goroga kwa dikokelong.
Ka maikalelo a go fokotsa le go emisa kamano le kanamo ya COVID-19, setshaba se gakololwa go emisa mesepele ee sa patikeng.
E ntse e le maiteko a go tlhomamisa pabalesego ya setshaba, lephata la botsogo le boitekanelo le gakolola setshaba go khutshwafatsa le go wetsa thulaganyo ya tirelo ya phitlho mo sebakeng se se sa feteng dioura tse pedi.
Ka nako ya tirelo ya phitlho, setshaba se se kokoanyeng foo, se tshwanetse sa beelwa metsi a phepa le melora go tlhapa mabogo.
Batho ba rotloeditswe go tlhapa mabogo le go tlhatswa ka melora e bolayang megare didirisiwa tsotlhe go akaretsa digarawe le seoketsa mantswe.
Setshaba se gakololwa gape gore bahutsafadi ba seka ba fiwa dijo jaaka e le tlwaelo, maikaelelo e le go fokotsa kgonagalo ya go anamisa mogare wa corona.
Tsetlana ya boraro e gakolola setshaba ka kakaretso go tlhapa mabogo kgapetsa kgapetsa, ba dirisa metsi a phepa le melora go bolaya megare.
Pego e gakolola setshaba ka botlhokwa jwa go bipa molomo le dinko fa motho a gotlhola kgotsa a ethimola.
Sengwe sa botlhokwa ke go itsa kamano le mongwe yo o supang dikai tsa mohikela.
Go tshwaragana ka matsogo, go atlana kana go sunana fa batho ba dumedisana ke mabaka mangwe a mabaka a ka animisang mogare wa corona.
Ka jalo setshaba se gakololwa ka botlhokwa jwa go tlosolosa maeto a go ya kwa mafelong kana mafatshe a nang le bolwetse jwa COVID-19, maikaelelo e le go fokotsa go anama ga mogare.
Ba botsogo ba tlhalosa gore ba tlaa tswelela ba ntsha dikitsiso tse di supang mafatshe aa nang le bolwetse jwa COVID-9 le seemo sa jone mo Botswana.
Ba gakolola setshaba go leba tsebe ya maranyane a Facebook ya Covid-19_Mohw, go tswelela ba ithuta ka COVID-19. BOKHUTLO
Source : BOPA
Author : Moshe Galeragwe
Location : Gaborone
Event : Pego
Date : 18 Mar 2020