Breaking News

Botswana Railways e bulela mesepele ya diterena

17 Mar 2020

Ba Botswana Railways ba buletse mesepele ya diterena, morago ga gore e emisiwe terena ya dithoto e sena go fapoga mo seporong kwa Dibete, ka Mosupologo (Mopitlo 16), makuku pele ga nako ya bongwe. 

Se se rurufaditswe ke moanamisamafoko wa Botswana Railways, Rre Sakaeyo Baitshepi, mo potsolosong le BOPA, ka Labobedi. Rre Baitshepi o netefaditse gore paakanyo ya seporo e wetse a tlhalosa gore mesepele ya diterena jaanong e buletswe morago ga go tlhatlhoba seporo. 

Tiragalo e, a re e ne ya bakiwa ke gore tlhogo ya terena ya BR 410, gammogo le letoroko, le le lengwe la yone di fapoge mo seporong, e le mo tseleng go tswa Francistown e ya Mafikeng, kwa Afrika Borwa. 

Terena e, Rre Baitshepi a re e ne e ne e sa rwala dithoto dipe fa kotsi e diragala.

O tlhalositse fa tiragalo e, e bakilwe ke gore makgaogano a seporo fa diterena di fapaanang teng a ne a sa tswala sentle fa terena e tla go feta fa go one. 

"Go lebega e rile fa e tsena fa le, e bo e fitlhela makgaogano a seporo a sa tswala gotlhelele. Go raya gore maotwana a a kwa pele a bo a tsaya mola o mongwe, a a kwa morago le one a bo a tsaya mola o sele," ga tlhalosa Rre Baitshepi.

Ka lesego, moanamisa mafoko wa Botswana Railways a re kotsi e, ga e a baka tshenyego epe e e kalo mo tlhogong ya terena gammogo le letoroko, a tlatsa ka gore matoroko a mangwe a terena one a ne a seka a fapoga mo seporong. 

O tlhalositse gape fa se se senyegileng e le seporo, ‘mme le sone ga re bone se senyegile mo go kalo, go thubegile moalo sekgele sa dimethara di ka nna masome a supa le botlhano."

Morago ga tiragalo e, a re ba Botswana Railways ba ne ba tsaya tshwetso ya go nama ba emisitse mesepele ya diterena go fitlhela paakanyo ya seporo e wela.

A re babereki ba Botswana Railways ba ne ba potlakela kwa kotsi e, e diragaletseng teng, mme ba lala ba baakanya seporo bosigo jotlhe jwa Mosupologo go fitlhelela ka Labobedi (Mopitlo 17), mo mosong. Bokhutlo

 

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2020