Kotsi e gapa matshelo a mabedi
17 Mar 2020
Mapodisi a Machaneng a tlhotlhomisa kotsi e diragetseng mo tseleng ya Shakwe, e gapileng matshelo a batho bale babedi ka Mosupologo.
Bobedi joo, jo bo tlholegang kwa Mahalapye, ke rre wa dingwaga tse di masome a mabedi le mme wa dingwaga tse masome a matlhano le boferabobedi.
Mo potsolosong le lekalana la BOPA, motshwarelela mookamela mapodisi a Machaneng Assistant Superintendent Kebueng Hulela a re kotsi eo e diragetse mo tshokologong ya Mosupologo, fa mokgweetsi wa koloi ya modiro wa Toyota Dyna a ne a latlhegelwa ke taolo.
ASP. Hulela are koloi eo e ne e pegile batho ba le lesome le boraro le dithoto tsa bone. O supile fa a le mongwe mo go bone a ne a fitisetswa kwa sepateleng sa Marina, mme ba bangwe ba ne ba alafelwa dikgobalo tse di potlana mme ba ntshiwa lone letsatsi leo.
ASP. Hulela a re bapalami ba ne ba tswa Mahalapye ba ya go bapala phane kwa Lerala. O tlhalositse gore mokgweetsi e ne e le mme, yo o neng a ne a alafelwa dikgobalo tse di potlana.
O tlhalositse fa ditlhotlhomiso di tsweletse go itse ka se se ka tswang se bakile kotsi e. O gakolotse bakgweetsi go nna kelotlhoko mo ditseleng. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Gaotlhobogwe Orefile
Location : Mahalapye
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2020