Badiri kwa Ramatlabama ba eme sentle go thibela segajaja
17 Mar 2020
Mogolwane kwa molelwaneng wa Ramatlabama, Rre Joseph Moji, a re ba eme sentle go itebaganya le seemo sa mogare wa Corona.
O tlhalositse se mo potsolotsong Mopitlo a tlhola malatsi a le lesome le borataro.
Rre Moji a re ka kgakololo ya ba botsogo, badiri kwa molelwaneng ba a itshereletsa fa ba thusa batho ba ba mo mesepeleng.
Le ntswa bolwetse bo setse bo utlwaletswe kwa Aferika Borwa, Rre Moji o tlhalositse fa batho ba ntse ba tsweletse ka go tlola molelwane.
O supile fa mo letsatsing ba thusa batho ba feta makgolo a mabedi le botlhano go ya le go tswa kwaAferika Borwa.
O kaile fa molelwane o dirisiwa ke batho ba le bantsi mme a kaya fa go simolola ka kgwedi eno e le borobabongwe go fitlhelela e le lesome le botlhano ba thusitse batho ba le 11 833 e le ba ba tsamayang le ba ba gorogang.
Le fa gontse jalo a re dipalo tsa beke eno di fokotsegile fa di tshwantshanngwa le tsa beke e e fetileng. Rre Moji o akgoletse tshwaragano mo maphateng a puso, a supa fa ba bereka le lephata la botsogo, sepodisi le lephata la makgetho.
O ne a rurifatsa fa ba bongaka ba tlhatlhoba botlhe ba ba tsenang mo lefatsheng go netefatsa gore gore ga bana dikai tsa bolwetse jo.
Rre Moji o tlhagisitse banni ba metse e e gaufi le melelwane gore ba ikele tlhoko mme a kopa gore ba seka ba tlola mo mafelong a a seng ka fa molaong bogolo jang ka go bolwetse jo bo tshelanwa.
A re fa e sale bolwetse jo bo tlhagoga, ga go ise go nne le ope yo o tlodileng kwa Ramatlabama a belaesega a na le bolwetse jo.
Monni wa Pitsane, Rre Jankie Mokaleng, yo o neng a tlolela kwa Mafikeng o ne a bolela fa ene a itse ka corona mme a itshireletsa ka go tsamaya a le nosi mo koloing.
A re o lemogile gore go botoka go tlola maitseboa go sena mosuke ka a utlwile gore bolwetse jo ga bo batle digongwana, a kaya fa se e le yone itshireletso ya gagwe.
Rre Mokaleng o tlhalositse fa a na le masika kwa Mafikeng ka jalo a ne a latela motsadi wa gagwe yo o ntseng a le kwa lesong ka jalo go ne go mo patika go ya koo. Rre Prince Puleng, yo o neng a fetela kwa Gaborone, o tlhalositse fa a ne a patelesega go ya kwa Mafikeng ka a ne a ile go tsaya ngwana wa gagwe yo o tsenang sekolo teng.
Rre Nkabana Kgaswa go tswa Molepolole yo o berekang mo dibaseng tsa setshaba tsa Mafikeng-Gaborone o kaile fa ba utlwile ka bolwetse jo mme ba leka go itshireletsa ka tsotlhe.
O kaile gore ntswa bolwetse jo go lebega bo sa siama, o ngongoregela gore tlhagiso ga e utlwale thata o.
O kaile fa go tshwanetse go engwa ka dinao go bua fela thata ka bolwetse jo gore batho botlhe ba itse ka jone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Bakang Segokgo
Location : Ramatlabama
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2020