Breaking News

Terena e fapogile mo seporong kwa Dibete

17 Mar 2020

Baeteledipele ba Botswana Railways ba tsere tshwetso ya go emisa mesepele ya diterena go tloga ka Mosupologo go fitlhelela Labobedi (Mopitlo 17).

Se se tla jaana morago ga gore tlhogo ya terena ya dithoto le letoroko le le lengwe di fapoge mo seporong kwa Dibete.

Moanamisa mafoko wa Botswana Railways, Rre Sakaeyo Baitshepi, o boletse mo potsolotsong fa kotsi e diragetse makuku pele ga nako ya bongwe ka Mosupologo.

Rre Baitshepi a re terena e, e ne e tswa Francistown, mme e ne e sa rwala dithoto dipe fa kotsi e diragala.

A re kotsi e bakilwe ke gore makgaogano a seporo fa diterena di fapaanang teng a ne a sa tswala sentle fa terena e tla go feta fa go one.

“Go lebega e rile fa e tsena fale, e bo e fitlhela makgaogano a seporo sa tswala gotlhelele. Go raya gore maotwana a a kwa pele a bo a tsaya mola o mongwe, a a kwa morago le one a bo a tsaya mola o sele,” ga tlhalosa Rre Baitshepi.

A re kotsi ga e a baka tshenyo epe e e kalo.

O tlhalositse fa se se senyegileng e le seporo, ‘mme le sone ga re bone se senyegile mo go kalo, go thubegile moalo gongwe sekgele sa dimethara di ka nna masome a supa le botlhano.’

A re ka gore babereki ba Botswana Railways ba ne ba lala ba baakanya seporo bosigo jotlhe jwa Mosupologo, gongwe mesepele ya diterena e tlaa bulelwa ka bonako tiro e sena go wela. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Lorato Gaofise

Location : Mahalapye

Event : Potsolotso

Date : 17 Mar 2020