Khansele ya Legare e emisitse bokopano jwa yone
17 Mar 2020
Khansele ya Legare e emisitse bokopano jwa yone jo bo neng bo tshwanetse go wela ka Labotlhano go fitlhelela mo nakong e e sa bolelwang.
Se ke maiteko a go tsaya dikgato go thibela kanamo ya mogare wa COVID-19 o o apesitseng lefatshe kobo ka letshoba.
Fa a emisa bokopano jwa khansele eo ka Mosupologo (Mopitlo 16), modulasetilo, Rre Ketshwereng Galeragwe, o ne a itsise makhanselara fa go dule taelo ya gore khansele eo ya Legare e emise bokopano jwa yone ka ponyo ya leitlho.
A re le ntswa go ise go nne le ope yo o tsenweng ke mogare mono, lefatshe leno le lone le a amega.
A re segajaja se, se setse se le kwa mafatsheng a a bapileng le la Botswana jaaka Aferika Borwa le Namibia ka jalo go gwetlha gore Botswana a nne malala a laotswe.
O ne a itsise makhanselara fa Tautona Dr Mokgweetsi Masisi a setse a buile le setshaba go se tsibosa ebile go emisitswe metsamao go ya kwa mafatsheng mangwe le dikokoano tse di nang le batho ba bantsi.
Ka jalo o ne a kopa makhanselara go tswelela ka go gasa molaetsa ka bolwetse jo. O ne gape a kopa dikhansele ka go farologana go dira tse di maleba go rurifatsa gore babereki le ba ba tsileng go kopa ditirelo ba babalesegile ka go dirisa tse di bolayang megare (sanitizers) le go tlhapa diatla ka molora kgapetsakgapetsa.
Rre Galeragwe a re le ntswa bokopano jwa khansele bo emisitswe, go na le di le dintsi tse di saletseng kwa morago mme e tlaa re fa seemo se sena go laolesega go bo go diriwa thulaganyo ya gore bokopano jwa khansele eo jwa tshoganetso bo tsene.
A re fa seemo se ka tswelela, tse di sa fediwang di tlaa tsweledisiwa ka bokopano jwa khansele e e tlaa tsenang ka kgwedi ya Seetebosigo.
Le fa go ntse jalo, khansele ya Legare e ne ya dumalana le tshutiso e e neng ya ntshiwa ke mokhanselara wa Mahalapye Bophirima, Rre Joseph Tjienda, a gwetlha lephata la thuto go tswa kwa moding le la thuto e kgolwane go tswala dikole ka ntata ya seemo sa COVID-19.
Rre Tjienda a re kgang e e tshwanetse e potlakelwe ka bolwetse jo bo tshelanwa ebile go tshwanelwa ke gore go tilwe go kokoana mme kwa dikoleng go kokoanwa ka dipalo tse dintsi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Potsolotso
Date : 17 Mar 2020