Breaking News

Monna o sekela petelelo le titeo

15 Mar 2020

Go lebega fa molaetsa ka go lwantsha kgokgontsho ya bomme le bana ba basetsana o sa goroge sentle kapo bangwe ba o itlhokomolosa.

Seemo se, se tshwarisitse mapodise le ba bogosi phage ka mangana kwa Serowe le metse e e mabapi ka jaana dipetelelo le dipolaano di ntse di tsweletse.

Monna wa dingwaga tse di masome mararo le boraro wa Tshimoyapula kwa kgaolong ya legare o itshupile fa pele ga ga mmakaseterata kwa Serowe ka Labone ka melato e le mebedi ya go itseela dikobo ka dikgoka le titeo ee masisi mo go mme mongwe yo go kaiwang e ne e le mokapelo wa gagwe.

Go bolelwa fa e rile kgwedi eno e tlhola malatsi a le mabedi, mosekisiwa Gabadumele Mmeke wa Tshimoyapula a goga goga mme yo, mme a felela a mo thubeditse.

Mmelaelwa o ne a tshwarwa abo a lebisiwa molato mme mapodisi a mo tlogela ba emetse go mo isa kwa kgotlatshekelong mme erile a santse a emetse go isiwa kgotleng a boa gape a ya go tlhasela mme yo.

Babotlhotlhomisi ba boletse fa mosekisiwa a ne a goga gape mme yo a mo isa kwa ga gagwe ka go batla gore ba robale botlhe mme foo a seka a mo thubetsa mme a mo ketikile mo go masisi ebile a mo gobaditse mo leitlhong.

Mosekisiwa o ne a kopelwa gore a name a tshegeditswe mo kgolegelong go fitlhelela tsheko e tsena gape ka Mopitlo a le masome mabedi le borataro.

Ba bosekisi ba kaile fa a ka seke a letele tsheko a le kwa ntle ka go lemogilwe fa a ne a tsweletse a kgokgontsha mme yoo le mororo a boleletswe gore a seka a mo atamela.

Ba kaile gape fa a ka kgoreletsa ditlhotlhomiso tsa mapodisi tse di tsweletseng. Bokhutlo

Source : BOPA

Author : Tshiamiso Mosetlha

Location : Serowe

Event : Kgotla tshekelo

Date : 15 Mar 2020