Mogokgo o akgola batabogi
15 Mar 2020
Mogokgo wa sekole sa diatla sa Serowe Brigade, Rre Tsholofelo Ranthokwane, o akgoletse baithuti go fenya kwa dikgaisanyong tsa mabelo tsa Botswana Brigade Sports Association (BOBSA) tse di neng di tshwaretswe kwa Gaborone bosheng.
O ne a akgola baithuti ka Labotlhano kwa moletlong wa go ipelela phenyo.
Baithuti ba ne ba gapa dietsele di le lesome le boferabongwe mme mo go tsone di ferabongwe e ne e le tsa gauta, di le tlhano e le tsa selefera fa tse tlhano e le tsa maemo a boraro.
Rre Ranthokwane a re baithuti bao ba dirile sekole sa gagwe motlotlo mme a ba rotloetsa go dira ka natla le mo go tsa thuto.
O ne a leboga badiri ba sekole seo ba ba neng ba tsaya karolo mo go katiseng baithuti.
Mogolwane kwa lephateng le le itebagantseng le tsa metshameko kwa Serowe Brigade, Rre Lefakae Lerothodi, a re go ne go se motlhofo go kgobokanya setlhopha se se feletseng.
O boletse fa go ineela ga batsaya karolo e le gone go dirileng gore ba kgone go tla ka dietsele tseo.
A re o na le tsholofelo e ntsi fela thata mo baithuting ba ba neng ba tsaya karolo ka ba santse ba le bannye mme ba ka dira go le gontsi mo go tsa mabelo.
O boletse fa ba tlaa go tsaya karolo kwa dikgaisanyong tsa go tlhopha ba ba ka emelang lefatshe tse di tlaa tshwarelwang kwa Francistown.
A re go supafala fa mabelo e le nngwe ya ditiro tse motho a ka di dirang mme a itshetsa ka tsone ka go na le bangwe ba ba setseng ba dira jalo mo lefatsheng leno le kwa mafatsheng a mangwe.
O ne a lebogela bogogi jwa Serowe Brigade go ema baithuti nokeng ka ditsela tse di farologaneng, a re seo, se ne sa ba thatafatsa mo moweng.
O ne gape a leboga ba lebala le letona la metshameko la Serowe go bo ba ne ba ba letlelela go ikatisetsa kwa lebaleng la bone. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Portia Rapitsenyane
Location : Serowe
Event : Moletlo wa go ipelela phenyo
Date : 15 Mar 2020