Kgotla boremelelo jwa morero - Motlhabani
15 Mar 2020
Mogolwane wa meepo ya Orapa ,Letlhakane le Damtshaa, Rre Bakani Motlhabani, a re botlhokwa jwa kgotla ga se jo bo ka itlhokomolosiwang.
Rre Motlhabani o buile jalo fa a bula semmuso leobo la kgotlana ya Tawana Bophirima kwa Letlhakane ka matlhatso.
Leobo le, le le lopileng P250 000, le agilwe ke khamphane ya Multotec.
Rre Motlhabani a re kgotla ke lefelo le morafe o kopanelang mo go lone go arogana megopolo ka ditlhabololo le go rarabolola dikgang dingwe.
O ne gape a re kgotla ke kwa go godisiwang ngwao le setso sa Batswana jaaka molao motheo wa lefatshe leno o kaya.
Rre Motlhabani a re go a itumedisa go bona dikhamphane tse ba dirang le tsone di tsenya letsogo mo go thuseng setshaba se ba direlang mo go sone.
O ne a galaletsa Multotec a re go direla morafe go botlhokwa thata ka ke go baakanyetsa bokamoso.
Rre Motlhanbani o ne a leboga banni ba kgotla ya Tawana le komiti ya ditlhabololo tsa motse go bo ba tshwarane le Multotec mo tirong e.
Mogolwane wa Multotec, Rre Peter Mbada, a re tumelo ya bone ke gore ba tshwanetse go ema nokeng setshaba se ba direlang mo go sone.
Rre Mbada a re ba dira se gore fa ba tswang teng go sa le gona le motlhala oo supang gore ba nnile le seabe mo ditlhabololong tsa kgaolo .
A re tiro e ga se ya ntlha ba e dira kwa kgaolong eo.
Mothusa tona wa botsogo le boitekanelo, Rre Sethomo Lelatisitswe, a re puso ka nosi ga e kgone go dira ditlhabololo tsotlhe ka jalo a rotloetsa bagwebi go direla setshaba.
Mothusa tona Lelatisitswe o ne a leboga Multotec le dikhamphanebtse dingwe go bo ba tsweletse ka go dira ditlhabololo mo kgaolong.
Rre Lelatisitswe o ne a tsibosa setshaba ka bolwetse jo bo tlhagogileng ja mohikela jwa COVID-19 a re batho ba leke go ikgapha mo go jone.
A re bo borai e bile bo setse bo bonwe mo mafatsheng a mabapi. Bokhutlo
Source : BOPA
Author : Kefilwe Selotlegeng
Location : Letlhakane
Event : Pulo semmuso
Date : 15 Mar 2020